Bopelotelele bo aga motho
02 Jul 2015
Kgosi Charles Letsholathebe a re fa motho a le pelotelele, tlotlo le boineelo o ntsha maduo a a lebogiwang ke batho.
Kgosi o buile jalo kwa moletlong wa kgosana ya pele ya kgotla ya Shashe kwa Maun, Rre Shakwa Shashe yo jaanong a leng dingwaga dile 103. Moletlo o ne o dirilwe ke batho ba a dirileng le bone fa a le kgosana.
Kgosi Letsholathebe a re fa e ne e se ka bopelotelele, tlotlo le lerato la ga Rre Shashe, e ka bo erile fa go duwa ka mogopolo wa gore a direlwe moletloga bo go sena ope yoo tsileng, mme a re go bo batho ba ile ka makatlanamane go supa tirisano e ntle e Rre Shashe a ntseng le yone mo bathong bao ka nako ya faa dira le bone.
Obile a re kgosi Shashe o mo gopotsa ka dinako tsa bo Dafite le mafoko a a builweng mo go Dipesalema wa ntlha, le wa 133, o tlhalositse fa erile bogologolo fa rre Shashe a tsena mo setilong seo a bo a ne a sa duelwe mme a re erile morago ka boineelo jwa gagwe puso ya seka seka gomoneela lemmenyana.
Otsweletse a re Rre Shashe o berekile pele le bo kgosi Mathiba Moremi wa boraro, Pulane Moremi le Letsholathebe wa bobedi a sa duelwe mme a bona gole botlhokwa go dira tiro ya gonna jalo, a re seo se supa fa tota a ne a se pelo tshetlha.
Obile a a kgola thata morafe wa kgotla ya Shashe a re ele ruri ba supile lorato ka go direle Rre Shashe moletlo wa gonna jalo a santse a le mo botshelong, a tswelela ka gore go le gantsi batho ba tlwaetse go buwa motho bontle a setse a se mo botshelong.
Kgosi Letsholathebe obile a bolelela yo o mo sitilong sa ga rre Shashe e bong Princeloo Shashe gore a gate fela mo ditlhakong tsa monnamogolo gore le ene a tle a bone bontle joo.
Moagisane wa ga rre Shashe ebong rre Benson Kuti, a re fa motho a tshotswe a le botlhale ga go kgathelesege gore a orutegile, a tlhalosa fa rre Shashe a ne a sa rutega mme a na le dikgakololo tsedi neng tsaaga motse wa Shashe.
A re ene le rre Shashe ba kgonne go a ga dikwele le dikokelwana mo kgaolong ya Shashe, a tlhalosa fa ene e le motho yo o neng a se lehuha e bile a rata mongwe le mongwe.
Mokhanselara wa pele wa kgaolo eo Rre Pelokgale Monyame e ne o boletse gore fa ele gore gore gona le sengwe se rre Shashe a sa sedirang sentle mo kgaolong eo goraya gore ba molato botlhe k aba simolotse go a ga motse oo bale mmogo fa e ne e ne ele mokhanselara.
O ne a tswelela ka gore o kgothatsa b aba setseng gore bantshe bobone mme ba tsenye lorato fa ele gore ba babatla goipona ba galalediwa jaaka Rre Shashe le go neelwa tlotlo.
Kgosana yo a leng mo maeong gompieno Rre Princeloo Shashe o ne a re gonna lorato mo bathing go mmontshiotse gore motho ga a tshele le bag a bone fela, mme a leboga botlhe ba ba dirileng gore mokete o o oatlege.
Obile a re leene o tlaa leka ka bojotlhe gore a nne le lorato le Malomaagwe a neng a na nalo gore a rate mongwe le mongwe a re gongwe ka go dira jalo oka ngatha mo dingwageng tsa monnamogolo le ene a bona botshelo jo bo leele.
O ne a tlhalosa fa a lebogile that aka gore monnamogolo o mo tlhatlheletse jone botsipa jwa go bereka le batho ba merafe e e farologanyeng mme a re o solofela faa tlaa kgona tiro ya gagwe le go etsamaisa ka manontlhotlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Moletlo wa kgosana
Date : 02 Jul 2015






