Bogogi le komiti ya ditlhabololo ga di naalane
02 Jul 2015
Banni ba Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba supile fa ba sa itumelele komiti ya ditlhabololo.
Ba buile seo kwa phuthegong ya kgotla e neng e tshwerwe go rola pego le go tlhopha komiti e ntsha ya ditlhabololo.
Mongwe wa banni bao, Rre Mafoko Dingaka, o ne a supa fa komiti eo e ne e sena therisanyo le bogogi jwa motse fa go tla mo go rekiseng didirsiwa tse di neng di sala morago ga go fediwa ga ditiro.
O ne gape a supa fa pego e e rotsweng e le lolela ka e sa tlhalosa gore komiti e dirileng ka letseno la bone la madi. O ne gape a supa fa komiti eo ene ya palelwa ke go tla ka maano a go itirela letseno la madi.
Rre Lenna Ooke ene o ne a ngongoregela gobo komiti e sa bua sepe ka ntlo lehalahala ya Khudumelapye. O kaile fa e sa tlhokomelwe, matlwana a boiteketso ga a lebege,ga gona metsi teng.
O supile fa ntlo lehalahala e tshwanetse ya lebega ka go tshwarelwa ditiro tse dintsi teng.Motshwaramadi wa komiti eo Mme Baiketlile Nkwane o ne a supa fa ban a le matlo a le lesome le botlhano. Mme a supa fa ale lesome ale mo tirisong. O kaile gape fa matlo a a nang le motlakase ale mane.
O supile fa ntlo ee nang le motalakase ba e hirisa ka P130 mme e e senang motlakase ke P70 kaile fa bana le ditilo di le lekgolo le bongwe.Mme a supa fa setilo sele sengwe ba se hirisa ka P1.50.
One gape a supa fa kolotiwa madi a a kanang ka P6 000 a phiriso ya matlo gotswa ngogola ka kgwedi ya Moranang.
Modiri wa boipelego Rre Meshack Mokgolele o supile fa komiti e ncha e e tla tlhophiwang e tla dira tumalano ya mokwalo le bahirisi.
O kaile fa seo se tla thusa gore fa bahirisi bas a duele batla kgona le go tseelwa dikgato tse di maleba ke mmueledi wa khansele.
O ne a supa gape fa g ofetotswe ditsetlana dingwe mo tlhophong ya komiti eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Jul 2015






