Khansele ya Bokone Botlhaba e iphutha metlhala
02 Jul 2015
Makhanselara a Bokone Bophirima a dumalane ka bongwefela jwa pelo go fetola ka fa ba ntseng ba tsamaisa tiro ya khansele ka teng ka maikakelelo a go tlhabolola maduo.
Ba dumalane gore dipego tsa modulasetilo di balwe gabedi fela mo ngwageng ba re seo se tlaa ba fa sebaka sa go bua dikgang tsa kgaolo ba phuthologile.
Makhanselara a ne a amogela mogopolo o o neng o tla ka mokhanselara Rre Abel Moleloba ba supa fa o tlhamaletse ebile o ka fetola le selebego sa khansele.
E rile a o ba baya pele, Rre Molelo a tlhalosa fa pego e ka balwa fa ngwaga o simologa le fa o ya fifing mme mo diphuthegong tse dingwe tsa khansele, modualsetilo o ka ba fa lefoko la kamogelo ba bo ba tsena mo dikgannyeng tsa metse ya bone.
O boletse fa dikhansele tse dingwe di gatetse pele ka omogopolo oo ka maduo a one a bonala. A re o dumela fa le mo khanseleng ya bone o ka bereka ka jaana o tlaa fa bakaulengwe go buisanya ka matshwenyego a batlhophi ba dikgaolo tsa bone.
A re gompieno makhanselara ga na nako e ntsi ya go rerisanya ka dikgang tse di amang batlhophi ba bone ka go le gantsi ba patelesega go akgela mo pegong e modulasetilo a ba e beileng pele.
Rre Kebareeditse Ntsogotlho o ne anisetsa mogopolo pula a re o montle thata e bile o ka nowa moro. A re ba ntse ba se emele dikeletso tsa batlhophi ba bone sentle ka gantsi ba tlamega go itebaganya le dikgang tse di mo pegong ya modulasetilo.
Le fa gontse jalo bangwe ba makhanselara ba ne ba le bête semolangwana ka mogopolo oo mme seo se ne sat lama modulasetilo go kgaoganya ntlo mme bontsi jwa fenya.
E ne ya re a ntsha bogakolodi, mokwaledi wa khansele, Rre Mozondik Moswete a supa fa ele bogogi bone bo sena molato le mogopolo a re go mo maruding a batlotlegi gore a ba a o amogela.
O boletse fa mogopolo o ka bereka ka jaana batla nna le nako e ntsi ya go bua ka dikgang tsa kgaolo a tlatsa kwa gore kwa dikahnseleng tse dingwe jaaka ya legare o a ba berekela.
Modulasetilo wa khansele, Rre Reaboka Mbulawa o ne a o amogela le ene a re ba ka o leka mme fa o sa ntshe maduo batla o boela morago. A re o dumela fa mogopolo o sena go fetolo tsamaiso ya khansele a tlatsa ka gore phetogo fela ke go fokotsa go balwa ga dipego mo diphutegong tsotlhe.
Mo dikgannyeng tse dingwe, mokhanselara wa kgaolo ya Disana Rre Rizerua Kazenambo o kopile kahnsele go emela ka dinao kgang ya go atswa banni ba malwapa a a ranyegileng kwa kgaolong eo.
A re kgang e e tswa kagakala mme go lebega kahnsele e le moriti o tsididi fela a tlatsa ka gore go ranyega ga matlo a go golela pele mme seo se baya matshelo a banni mo diphatseng. Banni ba ba amegileng ba filwe ditsha mo lefelong le le emang metsi mme seo se amilwe matlo a bone.
Rre Kazenambo a re fa khansele e sa tsiboge, batla ipopa e le banni go tseela kagng eo kwa kgotla tshekelo ka go supega fa bogogi bo goga maoto go e rarabolola.
E ne ya re a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa khansele, Rre Mbulawa a tlhalosa fa kgang eo ba itshware mme a supa fa e tlaa tsaya nako go rarabololwa ka jaana e akaretsa mapahata a a mmalwa.
O boletse fa le ofisi ya ga Tautona le yone e tshwere kagng eo ka jaana banni ba ne ba ikuela bosheng jaaka Tautona a ne a buisa phuthego ya kgotla mo kgaolong ya bone. O kopile banni go nna pelotelele ka jaana kgang e tla rarabololwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya khansele
Date : 02 Jul 2015






