Breaking News

Banni ba tlaa tlhopha leina la motse

02 Jul 2015

Dintwa tsa semorafe di dirile gore motse mongwe mo kgaolong ya Tswapong o tlhoke leina.

Motse o tlhokile leina morago ga gore kgotla tshekelo e tlhalose fa motse oo jaanong ele motse fela, mme ya ntsha taelo ya gore go tshwarwe ditlhopho ke makgamu a a lwang go tla ka leina le le tlaa supiwang ke bontsi ka tsamsio ya puso ya batho ka batho ya ditlhopho.

Go dumalanwe go re ditlhopho tseodi tsamaisiwe ke ba ofisi ya ga molaodi, ka kgololesego e bile di direlwe mo pepeneneng, ga bo ga dumelanwa gore dinne ka Phukwi ale masome a mabedi le bosupa mo kgotleng go setswe morago tshwetso e e tserweng ke kgotlakgolo ya gore go tlhophiwe leina la motse, morago ga gore morafe o palelwe ke gotla ka tharabololo ya kgang e.

Se setla jaana morago ga gore ere ka dingwaga tse di kwa morago tsa bo 1990’s, dikgotla tse nne tsa Motoposane, Raphiri, Matolwane le Lesenepola diikopangwe go nna motse ole mongwe, go kopaneng ga bone ba seka ba dumelana ka gore motse o bidiwe mang, bangwe bare motse ke Matolwane fa bangwe ba ne ba re Lesanapole seo sa tlisa kgothang fa gare ga morafe wa tswapong.

Dikgang di ne tsa felela ditsere phekelo e sele, tsa bo tsa tsena kwa dikgotla tshekelo go lwela leina la motse fela. Mo dikgotleng tsa teng tse nne tseo go tlhalositswe fa dikgosi tsa teng di lekana ka maemo, mme tse tharo e bong Matolwane, Raphiri le Motosane dile seopo sengwe fa ya Lesenepola yone e ikemetse ka bonosi.

Mo mafokong a gagwe mo boemong ja puso, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slamber Tsogwane, o ne a rola kgang a re, "ke tla jaana ke fitlhela dikgang tse dile dikgologolo, mme ke tsile gore a re dumelanang ka mogopolo lona boo babedi gore le tle ka tumelano le tharabololo ya kgang e, ke lemoga ebile ke tlhaloganya gore kgotla kgolo ya ditsheko e laotse gore leina le batliwe ka motlhala wa tlhopho, mme bontsi ke jone jo batlaa supang gore bowela kae."

Rre Tsogwane one are “merogolwane e kgwanwe ke go lela e lebane” ebile mo lefatsheng leno re dumela thata mo go tweng ntwa kgolo ke ya molomo, are kana kgotla tshekelo ga e ya tshwanela go bantsha mo sethong, kutlwano le go agolola ledula le lentla la bone ele morafe, ka ebile badumela gore ke bana ba motho ga gothona goka rarabolola dikgang tseo kwa ntle ga godigatsa taelo ya lekgotla la ditsheko.

Tona Tsogwane one are gape baka itlhophela gore bone ba bona baka sala tsela efe morago, a ekanna ya tumelano ya bontsi e e welang mo pusong ya batho ka batho, kana ya go ithontsha ditshwanelo kago nna seopo sengwe mo tumelanong e e etlaa ntshiwang are moo gotlhe go mo maruding a bone ele morafe.

Tona one gape a supa fa ane a amogela makgamu oo mabedi ka dikgang tsa leina, tse dineng di supa fa erile ka 2006 kgang ya bo entse e sa dumelwanwe ke bobedi joo. Ene yare a wetsa kgang ya gagwe Rre Tsogwane a kopa baemedi ba makgamu a mabedi gotswa la bone ka kgang ya leina le tharabololo e e ka baisa golo gongwe go wetsa kgang.

Gone ga ema Mme Mary Pipedi, a emetse ba Lesenapole, a re a go direlwe dilo mo pontsheng, go setswe morago therisano le tsamaiso ya puso ya batho ka batho, go sa tsewe letlhakori lepe, are morafe o eletsa go bona kgang e e weditswe.

One are kgang e etswa kgakala e boiwa mme esa wele, bangwe ebile ba fudugetse kwa metsing e sele ele fa kgang e gatang teng gore banne le kagiso mo moweng, are ele morafe banyoretswe kagiso, are ga gona kwa bone baka yang teng ka Setswana sere “legoo ramotho le thebe phatshwa”, mme are bathoka gonna le leina le letlhomameong la motse oo.

Fa yo oneng a ametse ba Matolwane Rre Jobe Sepako ene ane are bone baeletse go gololela ba Lesanapole leina la bone, le gore baye go tshwra ditlhopho tseo kwa kgotleng ya bone ya Lesanapole, fa bone ele ba dikgotlana tse tharo batlaa sala ele Matolwane.

Mo dikakgelong ka morafe bane bare fa ngwana a lelela legodi o a leneelwe, mme bangwe bare ba dumelana le gore a ba Lesenapole ba gololelwe leina la motse, fa bangwe bane ba re a godiragadiwe tswetso ya kgotla tshekelo, fa bangwe bane bare ba bareng goiwe ditlhophong ba buwa jalo ka baitse fa palo ya bone ele ntsi baya go ba fenya.

Ene yare a akgela Rre Tsogwane are a kgang e buiwe go supiwe bogodi, tlotlo le seriti, are a leina le seka la phatalatsa morafe, o o kayang fa ele batho bale bangwe, one afa sekai ka kgaolo ya gagwe are kwa Rakops/Tsienyane ke maina a a dirisiwang otlhe ka tlotlo le lerato ebile ga gona ope modumo mo go one, le bone fela jalo baka dumelana gore a maina ao a dirisiwe otlhe.

Fo a wetsa kgang one are bapaletswe ke go dumelana ka jalo batlaa sala morago tshwetso ya kgotla kgolo gore e diragadiwe, mme a supa fa leina le letlaa fenya ka letsatsi la dithopho e ya gonna lone le motse otlaa bidiwang ka lone gammogo le kgotla. 

One are batshwanetse go lemoga fa bokopano ja metse eo ele jone bodirileng gore ditlhabololo dinne teng ka dine di dirwa golebilwe palo ya bone bakopane, mme a bakopa go dirasana fela jaaka golebega bantse ba dirisana ele bana ba motho.

Fa a a fa malebogo, modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Lesedi Phuthego one are puso ya batho ka batho e tsena gone fa. ka go buiwa dikgang ka kgololesego, kagiso, lerato, tshwaragano le tlotlano are se ke one morero wa puso le morafe goitsheka tsheka le go lemoga fa bana le tswanelo le serodumo sa setho.

Rre Phuthego one are ere ntswa basa welana katumelano ya leina seo ga se reye gore gonne le kilano, kgotlhang le letlhoo, ka tseo tsotlhe disa jewe boswa, are kwa phelelo ba tshwanetse baitemoga fa ele Batswana ebile ele morafe ole mongwe ele bana bakgothu ya morula ole mongwe.

One a itebaganye le banana ae tswang mo dikganyeng tsa bagolo,mme le dirisi ditlhaloganya tse di santseng dile metsi go akanya ka bofefo go lebelela ditla morago tse dika lekokonelang mo isago, kana tsa kgoreletsa tswelelepele ya motse wa bone, are go kgang ga go jewe boswa. Mme are lefatshe leno ke la kagiso, mme ke bone baka senyakang seriti sa yone kana ba e aga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya morafe

Date : 02 Jul 2015