Breaking News

Ba-na-le bogole ba tshwanetse go engwa nokeng

02 Jul 2015

Kgosi Bohedile Tlwaelang wa Dukwi mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore ba-na-le bogole ba fiwe ke-mo-nokeng e e maleba.

Kgosi Tlwaelang o buile jalo mo potsolotsong, a tlhalosa fa ke-mo-nokeng e le nngwe tsela ya go tsosolosa seriti, e tiisa mooko gape e ka dira gore ba-na-le bogole ba itse fa le bone ba na le bokgoni.

O tlhalositse gape fa kemo nokeng e ka dira gore ba-na-le bogole ba diragatse ditoro le dikeletso tsa bone tse phelelong di tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Tlwaelang o supile fa puso e dira ka gotlhe gore ba-na-le bogole ba kgone go itirela motswedi wa itshetso.

A re puso e tsweletse ka go diragatsa le go tlhabolola mananeo a a farologaneng ka maikaelelo a gore ba-na-le bogole le bone ba a akole. Le fa go ntse jalo Kgosi Tlwaelang a re bangwe ba-na-le bogole ba retelwa ke go akola mananeo a ka jaana ba sa bone kemo nokeng e e maleba e bile e kgatlhisa.

O bile gape a re ntswa bangwe ba setse ba filwe dithuso ka go farologana, di felela di phatlaletse kgotsa di phutlhama ka jaana go tlhokile kemo nokeng le thotloetso.

Kgosi o bile a kgala a menne phata bogolo thata bangwe ba masika a ba-na-le bogole ka jaana ba sa tseye dikeletso tsa bone ka tlhwaafalo.

A re bangwe ba sa ntse ba na le mokgwa wa go kgaphela ba-na-le bogole kwa tlhoko fa bangwe ba sena kgatlhego ya go ka thusa ka ditlhamelo tsa botlhokwa di akaretsa boroko le tse dingwe ka go farologana.

Go sale foo Kgosi Tlwaelang o bile a rotloetsa ba-na-le bogole gore ba seka ba nna fela ka mowa wa boitlhobogo, a tlatsa ka go gatelela botlhokwa jwa go ikisa kwa bathong.

O bile gape a kgotlatsa gore ba seka ba iteba dipopego kgotsa seemo se ba iphitlhelang ba le mo go sone a tlatsa fa le bone ba na le bokgoni jwa go ka dira maano a go tlhabololang tikologo e ba leng mo go yone.

Kgosi o ne gape a re bomolemo jo ba-na-le bogole ba ka bo itirelang ke go supa kgatlhego tebang le go batla ditsela tse di ka ba thusang go diragatsa ditoro tsa bone

Kgosi Tlwaelang a re ba-na-le bogole le bone ba tshwanelwa ke go tsibogela mananeo ka jaana a ka tokafatsa matshelo a bone e bile a fokotse gore ba ikaege thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 02 Jul 2015