Bogodu jwa leruo kwa MASEGO ga bo bepe
02 Jul 2015
Banni ba kgaolo ya MASEGO e e akaratsang metse ya Mabolwe, Semolale le Gobojango ba lela ka bogodu jwa leruo jo boileng magoletsa.
Ba buile se mo phuthego ya kgotla e e neng e tshwerewe ke tona wa itshireletso molao le thokgamo Rre Shaw Kgathi kwa Semolale bosheng.
Bare go nne le itshireletso ya terata le seporo ga mmogo le bo leng teng jwa sepodisi ka go farologana bogolo jang SSG, ba sesole le ba sepodisi..
O tlhalositse gore fa ba ka tshwarwa ba tlaa tsena kgolegelo ya selekanyo sa ngwaga tse di lesome .
Ba kopile gore go okediwe badiri banakwana ba lephata la mathoko a leruo ka sekgala se ba kgaoganang ka sone sa 5KM se seleele gona le kgona falo ya gore, batho ba lefatshe la Zimbabwe ba kgaolo terata ba tlodise leruo ka bofefho.
Ntlha enngwe bare aleruo la bone le kgaoganngwe ka ditlhopha e le ba zone 7 gonne le A le B.
Bane batswelela ka gore sepodisi se palo potlana batlhokometse metse e meraro jaaka Mabolwe, Semolale le Gobojango bale lesome le boraro. Gape bare a bafiwe dirojaroja gore sepe fela se se ka tlhagogang bakgone gothaeletsana le ba bangwe go batswa thuso pele ditlola, letsone dikoloi di okediwe.
Basupile fa terata e onetse le o ne matlo a boroko e le makgasa fela, ntlha enngwe bare a lephata la mathoko a leruo le phatlaladiwe ka gore fa motho a tswa motirong ka bogodi kana a tlhokafetse gaa emesediwe, go tsennwe lephata le le ikemetseng gongwe goka nna le tema.
Bane basupa fa ka ngwaga wa 2007 gone ga utsuwa Ditonki dile lesome le borataro tsa tshwarwa mo kgaolong ya Nyagale kwa lefatsheng la Zimbabwe.
Bane basupa fa mono ngwaga goutsulwe leruo le le masome a mararo le bongwe.
E ne yare putlhego ya ga tona Kgathi e tsweletse ga gorogamolaetsa wa gore batho ba lefatshe la Zimbabwe bagateletse leruo le tshwana ditonki di herabobedi, mme ba sesole le sepodisi bane ba tswa latela ditonki tseo.
Basupile fa batho ba lefatshe la Zimbabwe ba bahumanegisitse, ba setse baiphothere.
Bare batswa kgakala bakopa thuso ya SSG go sireletsa leruo la bone, nako kgolo ke eno.
Tona wa itshireletso molao le tlhokgamo Rre Shaw Kgathi a re otla go ba lekola go thulanya dithogo ka seemo sa borukuthi.
Tona o ne a na le LT wa sesole sa Botswana Rre Gaolathe Galebotswe, wa sepodisi sa Botswana Rre Makgophe le ba bangwe, mme bane basupa fa batla gonna fatshe basekaseka dilelo tsa bone tebang le dikgang tsa borukuthi.
Dikgosi tsa Mabolwe, Semolale le Gobojango le merafhe ya tsone batshwenyegile ka seemo sa bogodu ja leruo jo bo tsereng phekelo e sele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Jul 2015






