Kachana o tlhomilwe kgosi ya Tshesebe
01 Jul 2015
Motse wa Tshesebe o o mo kgaolong ya Bokone Botlhaba o busitswe ke dikgosi tse tharo e bong moswi Kgosi Charles Kachana, moswi kgosi Matsapa Kachana le yo o sa tswang go tlhongwa ka Matlhatso e bong Kgosi Motlotlegi Kachana wa boraro.
Motse o, o simologile ka dingwaga tsa bo 1920 mme e ne ya re ngwaga o o fetileng wa nna lobaka o sena moeteledipele ka fa bogosing. Kgosi Matsapa Kachana wa boraro o ne a tlhongwa go thiba phatlha eo ka Matlhatso.
Fa a bua kwa moletlong oo, Kgosikgolo ya Bakwena, Kgari wa boraro o gwetlhile Kgosi Kachana go ikgakologelwa gore o mo thomong ya Modimo ka jalo o tshwanetse go kaetsa morafe wa gagwe bolemo jwa Modimo. E re ka Kgosi Kachana e le monana e bile e le modumedi wa mokeresete, Kgosi Kgari III a re o lebogela seo ka a tlaa nna le tlhotlheletso ya Modimo go busa morafe wa gagwe ka tlotlo le thelelo.
Kgosi Kgari III a re boikarabelo jo bontsi bo solofelwa mo dikgosing, a tlhalosa gape fa e le tshwanelo ya dikgosi go nna sekao mo morafeng ka go dira tse di sa fatlheng matlho a setshaba, ka jalo a re o solofela seo le mo go Kgosi Kachana.
Kgosi Kgari III o tsweletse ka gore mo nakong ya gompieno dikgwetlho di dintsi segolo jang tebang le boitshwaro jwa banana ka jalo o rotloeditse Kgosi Kachana go tlhomamisa gore e nna mongwe wa bogogi jo bo bonang gore bo fenya dikgwetlho tseo ka a tlhaloganya botoka ditlhaloganyo tsa banana.
O tladitse ka gore le ntswa e le kgosi ga a kake a kgona dilo tsotlhe mo motseng mme a mo rotloetsa go tlhopha bagolo bangwe mo motseng ba a bonang gore ba tlaa mo thusa kgotsa ba mmontshe tsela ka tse di tshwanetseng go dirwa.
A re go na le baeteledipele ba bangwe ba a tshwanetseng go dirisanya le bone, bao e leng ba sepolotiki. A re o tshwanetse go nna tsala le bone, a ba rome ka tse di molemo tse di ka tswelang morafe wa gagwe mosola jaaka ditlhabololo tsa motse.
Kgosi Kgari III o tsweletse a re baeteledipele ba, ba engwe pele ke molao ka jalo mantswe a bone a a reediwa. A re dikgogakgogano di dia ditlhabololo tsa motse ka jalo o tshwanetse go tshwaragana le bone.
O rotloeditse kgosi Kachana go rotloetsa kagiso le thokgamo mo morafeng wa gagwe, gape a bale le melawana ya dikgosi ka e le yone e ka mmontshang boikarabelo jwa gagwe e le kgosi. A re o tshwanetse go bala melawana eo e seka ya re kgabagare a iphitlhela a lebetse dilo dingwe tse a tshwanetseng go ka bo a di direla batho ba gagwe.
Kgosi Kgari III o tsweletse ka gore ditiro dingwe di tlhoka gore fa di dirwa a bo a tshwaragane le maphata a mangwe, go thusa go tlhofofatsa tiro ya gagwe jaaka lekgotla le tshwana la kabo ditsha, mapodisi le ba bangwe.
Kgosi Kgari III o kopile morafe go seka ba nyatsa bokgoni jwa kgosi ya bone ka e santse e le monana. A re ba tshwanetse go mo reetsa e bile ba seka ba itebala ba mo eme nokeng ka dinako tsotlhe gore a kgone go ba busa ka bomolemo go sena makgwere ape. O ba gwetlhile gape go tsenelela merero ya ga kgosi le diphuthego gore le bone megopolo ya bone e utlwale. A re ba tswelele ka go dibela kagiso.
E rile a tswa la gagwe, Kgosi Eric Moipolai mo boemong jwa dikgosi tsa Bokone Botlhaba a re o solofela fa Kgosi Kachana e tla nna sekao mo bananeng ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Tutume
Event : Peo ya kgosi
Date : 01 Jul 2015






