Tlhokomelang leruo
01 Jul 2015
E re ka leruo e le mokwatla wa itsholelo ya Motswana ga mmogo le lone lefatshe la Botswana, barui ba kgothaditswe gape ba bo ba rotloediwa go tlhokomela leruo la bone.
Se se builwe ke Mothusa ramapodisi (Assistant Commissioner) ebile e le mogolwane mo lekalaneng la bogodu jwa leruo la sepodise sa Botswana Rre Joseph Motlhagodi, mo thuto seka dipuisanong ya go lwantsha bogodu jwa leruo kwa motsaneng wa Tsootsha mo kgaolong ya Ghanzi.
O rotloeditse barui go tla ka metlhala e e farologaneng ya go tlhokomela leruo la bone. Rre Motlhagodi a re metlha ga se ya maloba ka jaana thuo gompieno ke ya kgwebo e e direlwang letseno la madi mo lapeng.
A re mo malobeng leruo le ne le ruelwa go tiisa seriti sa morui ebile fa motho a sena leruo a eletsa go nna le lone gore le ene a tle a ipelafatse a nne le seriti.
Rre Motlhagodi o rotloeditse barui go nna karolo e tona ya leruo la bone. A re ba tshwanetse ba gagamatse setoropo mo tlhokomelong ya leruo la bone, mme ba seka ba baa tsotlhe mo badiseng. O ba kgothaditse thata gore ba tshwanetse go nna ba etela meraka ya bone, le gone go itse leruo la bone eseng fela ka dipalo le mebala mme ba di itse go tseneletse.
O tsweletse a re ke nako ya gore jaanong barui ba tlhokomele leruo la bone ka tsela e e farologaneng e e ka tlisang dipoelo.
A re ba tshwanetse e le barui ba tshwantshanye tlhokomelo ya leruo la bone le ya dikgwebo tse dingwe ka jaana ba ruela go tsenya madi e seng jaaka maloba ba ruela go ja. Rre Motlhagodi a re go babalela dithoto go a tura; ka jalo a re barui fa ba babalela leruo la bone ba dire jalo ba itse gore leruo la bone ke kgwebo e seng masira phefo fela.
A re leruo le tshwanetse go tlhokomelwa gore le lone le kgone le itshetse, le bo le kgone le gone go ka letla go neelwa tshireletso e e tsepameng.
A re e rile fa puso e tlhama lekalana la bogodu jwa leruo, e ne e le ka go lemoga gore Batswana ba a senyegelwa mme e leka go ba thusa go fema bogodu. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Ghanzi
Event : Thuto puisano
Date : 01 Jul 2015






