Setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata
01 Jul 2015
Motswana o iteile kgomo lenaka fa a re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.
Bangwe ba badiri ba kokelo potlana ya Nkange ba ntse ngatana le banana ba lenaneo la Tirelo Setshaba go dira pharologanyo mo matshelong a balwetse ba Nkange.
Mme Chimbidzani Maplanka yo e leng mmaboitekanelo wa kokelwana eo, o boletse mo potsolotsong fa ba ipopile go lemela balwetse, bomme ba ba mo mmeleng, le bana ba ba bokete jwa mmele jo bo kwa tlase merogo go ba tlhokomela le go thusa bao ba ba sa kgoneng go ka reka.
E re le fa go ntse jalo tiro e ya bone e ne e se ka ntlheng ya go tlhokomela fela, o boletse fa ba ne ba dira se gore ba bonwe e le sekao se se nonofileng go fokotsa dipalo tsa balwetse ba ba sa jeng merogo le maungo.
O tlhalositse fa se se tlaa hema maipato a balwetse ba a ntshang gore ba seka ba ja merogo. Mme Maplanka o kaile fa merogo e na le dikotla tse di botlhokwa mo mmeleng wa motho, e bile e le ntlha nngwe ya go thusa go thibela malwetse a masesanyane. A re ntwa e ba e lwang ke ya go babalela ba ba mo diphatseng.
O bile a gatelela gore banana ba lenaneo la Tirelo Setshaba ba dira ka natla, ka ba supile kgatlhego le lorato mo morafeng.
Mme Maplanka o boletse fa lenaneo la Tirelo Setshaba le buletswe banana lefatshe ka bophara go simolola ka ba ba dirileng dithuto tsa mophato wa boraro.
A re banana ba dirise mananeo a tshwana le ao gore ba tle ba nne le seabe mo ditirong tsa lefatshe. A boa a ba kgothatsa gore ke bone ba ka dirang moalo wa botshelo jwa bone.
Fa a tswa la gagwe, Mme Grace Phemelo, yo o leng mothusi mo go tsa dijwalo a re tshingwana e ya merogo e sale e thusa ba le bantsi go tswa ka ngwaga wa 2011. Mme Phemelo o tlhalosa fa a sa le a rata dijwalo thata go tlogeng bonaneng jwa gagwe.
A re merogo e boloka matshelo a batho.
Godimo ga moo, o ne a bolela fa ba tsweletse sentle a re le ntswa go na le makgwere a tshwana le tlhaelo ya metsi ba leka ka bojotlhe go tsweledisa maitlamo a bone a go boloka matshelo.
A re ba botsogo ba rotloetsa batho go ja merogo le dijo tse di nang le dikotla go itsa malwetse.
O ne a re o leboga ba sekole se se golwane sa Nkange go menagane ka ba thusa thata ka dipeo gore tiro e tswelele, mme le fa go ntse jalo a re ga se ba sekole fela ba ba thusang, o leboga le morafe mo motseng ka ba thusa ka motshotelo go tshela menontshane mo mmung.
Go sa le foo, monana yo gape a direlang lenaneo la Tirelo Setshaba, Mme Zibanane Lamayi a re o sale ka a simolotse mosepele wa gagwe wa Tirelo Setshaba ka ngwaga wa 2012. A re o motlotlo ka seabe se a nang naso mo setshabeng.
O tlhalositse fa a ithutile go le gontsi fa esale a a direla mo kokelwaneng ya Nkange.
O ne a tswelela ka gore banni ba motse le balwetse ba ratile maiteko a ba a dirang go tlhokomela le go supa lorato le kutlwano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 01 Jul 2015






