Mogwebi o abetse kereke
01 Jul 2015
D.M Environmental Services kwa Maun e abetse kereke ya St John Apostilic Church of Botswana P10 000 le dikgetsi tsa semente di le masome a mabedi.
Madi ao le dikgetsi tsa semente di ntshitswe kwa mogwantong wa kereke eo wa go ikgobokanyetsa madi a go fetsa kereke e e kwa kgotleng ya Sedie kwaMaun le go feleletsa e e leng yone e tona mo kgaolong ya Bokone Bophirima e e santseng e tlhaelelwa ke dilo di le dintsi.
Mo boemong jwa mogwebi yoo modiri go tswa kwa komponeng eo Mme Onneile Ramokone a re ba ne ba bona go tshwanela gore e re kereke eo e tsisa lekwalo la kopo ba thulanye ditlhogo go bona gore ba latlhela sengwe.
A re mongwe o kare go gonnye mme fela kana Motswana a re se sennye ga se fete molomo, a re go direla ntlo ya Modimo ke go ikokeletsa le one masego mo Modimong.
O tsweletse a re lefa ntswa ba ne ba nna bonya go akanya gore ba tlaa ntsha eng fela ba ne ba bona gore ba dire sengwe ka kitso ya gore kana ba ntshetsa Modimo eseng ope gape.
Sebui go tswa kwa kerekeng eo Rre Phillip Maitseo a re erile jaanong ba bona gore ba lekile mme go santse go saletse kwa morago, ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa go dira one mogwanto oo wa dikhilomithara tse di robang bobedi.
O tsweletse a re kereke e e kwa Sedie e tsenela mo disenkeng mme ba sale ba dirile lokotswana ngogola le a reng jaanong le eme, fa e tona yone a re e tlhaelelwa ke dilo di le dintsi le yone, mme a re ba tsenela mo go yone fela e ntse jalo.
Bishop Pelokgale Monyame wa kereke eo o ne a re go le gantsi batho ba lebelela se ba se robileng, a tlatsa ka gore fa batho ba direla Modimo ga ba a tshwanela go nyatsa sepe mme sa bone ke go amogela fela ba bo ba galaletsa Modimo.
Monyame o a kgotse kompone eo thata a re ga se batho botlhe ka na dikompone tsotlhe tsedi ka dirang jalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Jul 2015






