Nokwane o lebogela lenaneo la nyeletso lehuma
01 Jul 2015
Mme Masego Nokwane a re o lebogela lenaneo la nyeletso lehuma.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Nokwane a re o ne a kopa lenaneo ngwaga o o fetileng mme kopo ya gagwe ya atlega. O tlhalositse gore fa a sale a fiwa lenaneo la tsa kapei, botshelo jwa gagwe bo fetogile ka motsotso ka pele a ne a sotlega.
O tsweletse a tlhalosa gore o ne a fiwa didirisiwa tsotlhe tsa kapei di akaretsa ditanka tsa gase tsa 48kg di le pedi, dipitsana ka go farologana, tafole le tse dingwe gape.
O boleletse ba BOPA gore o ne a kopa lenaneo la tsa kapei ka e le motho yo o ratang tsa kapei ebile a na le bokgoni jwa go apaya dijo ka mefuta. A re o ne a isiwa dithutong tsa kapei mo sepateleng se segolwane sa Sabata sebaka sa dibeke tse thataro.
A re o lebogela dithuto ka gompieno o itse go apaya dijo sentle.
Mme Nokwane o buile a sa kgale mathe ka tiro e ntle e e dirilweng ke Tautona L.t Gen. Seretse Khama Ian Khama ya go ntsha mananeo a go thusa Batswana go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo.
A re o akgola Tautona go menagane ka botshelo jwa gagwe bo fetogile ka bonyo ya leitlho morago fa a sena go fiwa lenaneo, e bile se, e le go diragatsa lengwe la matshego a 2016, la setshaba se se lorato e bile se le boutlwelo botlhoko. O tsweletse a tlhalosa gore gantsi o apeela batho fa go na le bokopano bongwe mme o dira madi a a simololang ka P2000 go ya kwa go bo P5000.
O tlhalositse gore madi a kgwebo ya gagwe ya kapei e a dirang e laolwa ke palo ya batsena bokopano jo a bo apeetseng dijo.
Mme Nokwane o tlhalositse gore o dirisa dipoelo tsa gagwe go tlhokomela ba lelwapa la gagwe ka e le ene motlhokodi e bile gape e le ene a leng mogolwane mo lwapeng.
A re gape o dirisa a mangwe go duelela bana sekole mme a a salang a a boloke mo sebolokelong sa gagwe kwa bankeng. O tlhaloseditse ba dikgang gore o boloka dipoelo tse dingwe gore a di dirise mo isagong fa kgwebo ya gagwe e ntse e gola.
A re ba khansele potlana ya Kanye (KAA) ba eme kgwebo ya gagwe nokeng ka ba kgona go mmitsa go tla go ba apeela fa ba na le bokopano bongwe. A re se se mo supegetsa gore puso ya Botswana e batla go nyeletsa mmaba yo wa lehuma.
O boletse gore ene o bereka ka botswapelo le bopelokgale go isa kgwebo ya gagwe golo gongwe ka o solofetse go le gontsi mo go yone. E bile o tlhalositse gore kgwebo e e batla motho yo o pelotelele gape a le senatla ka gore phokoje o o ko morago dintsa di a ne di sale di mmone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 01 Jul 2015






