Banana ba Tirelo Setshaba ba thusa bagodi
01 Jul 2015
Banana ba bararo ba Tirelo Setshaba ba ba direlang mo lephateng la diphologolo le makgabisa naga kwa Machaneng mo kgaolong ya Legare ba abetse poso ya Machaneng ditilo di le masome a mabedi le botlhano tse di tlaa nnang di diriswa ke bagodi segolo jang ka malatsi a go amogela.
Mpho e, e ne ya rolwa ke mookamela lephata la diphologo mo kgaolong ya Legare, Mme Onalenna Kgathi mo moletlong.
Mme Kgathi a re se se dirilweng ke bana bao ke selo se segolo fela thata se se tshwanetseng go lebogwa go menagane.
A re bana ba go bonala gore e rile fa Tautona a ntsha kopo ya gore setshaba se thuse ba ba tlhokang, ba nna mo palong ya ba ba tsebe ntlha go utlwa.
Mme Kgathi o tlhalositse gore go thusa bagodi ke selo se mo Setswaneng go dumelwang gore e a bo e le go ikopela masego le matlhogonolo.
O ne a supa fa tuelo ya banana bao e le kwa legodimong.
O akgotse lenaneo la Tirelo Setshaba a supa fa lephata la gagwe le segofaditswe ka banana ba ba nang le boikarabelo.
Fa a tswa la gagwe, mma banana wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami, Mme Mpho Moepeng yo o okametseng banana bao, a re e le ruri tema ya lenaneo la Tirelo Setshaba e a bonala.
A re lenaneo le, ke la boithaopo le le tlhametsweng go fokotsa banana mo mekgwatheng. Mme a re o lebogela banana bao go bo ba supile kutlwelobothoko mo batsading ba bone. A re o eletsa gore ka moso a bo a bidiwa ke ba bangwe le bone ba dirile tiro e ntle ya mofuta o.
Mme Moepeng o boletse gore fa ba bangwe le bone ba ka tsaya malebela, lefatshe leno le tlaa huma baeteledipele ba ka moso ba ba nang le boikarabelo. Mme Moepeng o ne a supa fa banana ba ba tshwanang le ba, ba tlhoka thotloetso gore ba gole ka mowa oo.
Mookamela diposo go tswa kwa Gaborone, Rre Kabelo Ntobetsi o ne a ipelela mpho eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Mahalapye
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Jul 2015






