A nyalo e tlotlwe
01 Jul 2015
Mothusa molaodi wa kgaolo- potlana ya Letlhakeng, Mme Tloto Mohurutshi a re e re le ntswa lenyalo e le selo se se tlotlegang thata, le latlhegelwa ke boleng fa le pateletswa bana ba ba sa lekanang go nyalwa.
A re ka jalo go botlhokwa gore lenyalo le ikganelele fela mo bathong ba batona ba ba lekaneng go itseela tshwetso ya go tsena mo go lone basa pateletswe ke ope. Mme Mohurutshe o ne a bua jalo bosheng kwa tirelong ya go keteka letsatsi la ngwana wa mo Afrika kwa motsenmg a Tsetseng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng.
Moletlo oo o ne o tshwerwe morago ka jaana kgaolo ya Kweneng e ne e tlhomilwe go rulaganya moletlo mogolo, mme Mme Mohurutshi o ne a tswelela ka go kopa batsadi go netefatsa gore bana ba bone ga ba tsenngwe mo nyalong ba santse ba le bannye ka jaana selo seo e tla bo e le go tsuolola ditshwanelo tsa bone.
A re nako e bana bao ba nyadisiwang ka yone ke dingwaga tse ba ka bong ba le ko dikoleng, mme o ne a kgala thata dingwao tse dingwe tse di rotloetsang go nyalwa ga bana jaaka go beeletsa.
O ne gape a re mabaka a mangwe jaaka lehuma ga a tshwanela go dira batsadi gore ba pateletse bana go tsena mo nyalong, bogolo jang ka goromente o dirile mananeo a mantsi a nyeletso lehuma a a ka thusang batho go itshetsa.
Mme Mohurutshi o ne a kopa batsadi gore ba inaakanye le mananeo a go intsha mo lehumeng. A re e re ntswa go sena dipalo-palo tsa bana ba ba pateleditsweng nyalo mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, go na le dipelaelo tsa gore nyalo eo e teng go lebilwe dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tlogelang sekole.
Mo go tse dingwe, mogolwane wa ofisi ya boipelego go tswa kwa Letlhakeng, Rre Tabona Kelapile o ne a kopa batsadi go tsenya maina a batsadi botlhe ka bobedi mo ditlankaneng tsa bana tsa matsalo jaaka molao o tlhalosa.
A re go tlhoka go dira jalo go tsisa ketsaetsego fa motsadi wa ngwana yo o kwadilweng mo setlankaneng a tlhokafala, ka jaana ba ofisi ya boipelego ba tshwaragana le bothata ba sa itse gore a ngwana ke khutsana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : Letlhakeng
Event : Moletlo
Date : 01 Jul 2015






