Kgwebo ya matlalo e na le dipoelo tse di botoka
01 Jul 2015
E re ka jaana Motswana a rile phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Tumisang Ngwanathebe, o ne a seka a ipona tsapa, mme a simolola kgwebo ya go gweba ka matlalo a diphologolo.
E rile mo potsolosongbosheng, Mme Ngwanaamotho a tlhalosa fa matlalo e le teemane ya bobedi ya lefatshe leno ka jaana a na le dipoelo tse di botoka.
A re gape matlalo a ka tsaya l lefatshe la Botswana a le isa mankalenkaleng, e bile a ka le baya mo mmepeng ka jaana a kgona go rekwa ko ntle ga Botswana.
Mme Ngwanathebe yo e leng ene mosimolodise le moeteledipele wa kgwebo ya Photlhwane Leather Works a re o itebagantse thata le tshugo ya matlalo mme morago a dire dithoto ka go farologana. A re Batswana ba le bantsi le bone batswakwa, ba kgatlhegela tiro e ntle ntle e ya gagwe.
O ne a tlhalosa fa a na le dithoto tse a di romelang kwa ntle ga lefatshe leno, a di rekisa teng mme e le dithoto tse di dirilweng ka manontlhotho le botsipa jo bo kwa godimo.
A re o dirisa matlalo a diphologole di akaretsa tsa naga ga mmogo le tsa mo gae jaaka, tau, nkwe, tlhware, kgomo le podi go dira tsone dithotho. A re kgwebo ya gagwe e letleletswe ka fa molaong go dirisa matlalo a diphologolo tse.
Mme Ngwanawamotho a re dilwana tse a di dirang di akaretsa bolomo poto, mabante, diphate ga mmogo le mekgabisa ya mantlo.
O ne gape a tlhalosa fa a itshimolodiseditse kgwebo e ya gagwe ka madi a gagwe mme a na le dingwaga di le tlhano a ntse a le mo go yone ka jaana a simolotse ka ngwaga wa 2010.
Mme Ngwanaamotho o kaile fa kgwebo e e batla bopelo telele ga mmogo le lorato. A re ke tiro e a e tlotlang fela thata ka jaana a e tsaya fela jaaka tiro ya ga goromente a theogela phakela mme a golole mo maitsiboeng.
O tlhalositse fa a dirisa diatla go dira tiro e ya gagwe, a sa dirise meshine epe.
E re le fa ntswa kgwebo ya gagwe e dira sentle, o na le letshwenyego la batho bangwe ba ba tshabelang kgakala go tsenya letsogo mo kgwebong e ya matlalo mme ba eletsa go e dira. A re, o ka rata thata go ka tsena mo go yone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 01 Jul 2015




