Breaking News

Bana ga ba a tshwanela go thapiwa

29 Jun 2015

Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re bana ba tshwanetse go isiwa dikoleng e seng go bereka.

Rre Batshu o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Kalamare mo kgaolong ya Legare bosheng, a tlhalosa fa ditshekatsheko di supa fa bana ba le bantsi mo dikgaolwaneng kgotsa kwa metseng e e kgakala le ditoropo ba sa tsene dikole ka ntata ya go bereka.

A re selo se ga se a siama, ka jalo batsadi ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore bana botlhe ba isiwa dikoleng. O ne a tlhalosa fa puso e otlolotse letsogo gore ngwana mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go tsena sekole.

Rre Batshu a re ke molato o motona go fitlhela ngwana wa dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boferabobedi a bereka.

O ne a tlhalosa gore ke ka moo puso e boneng go le botlhokwa go dira mananeo a tshwana le a go busetsa ba ba sa dirang sentle kgotsa ba ne ba tswa mo dikoleng ka mokgwa mongwe fela mo dikoleng.

A re thuto ke boswa mme ka yone batho ba ka fema lehuma la nta e tshetlha le go dira tsotlhe tse di tshwanetseng mo botshelong.

Rre Batshu o ne a kopa batsadi gore go seka ga twe bana ke ba malwapa a a ’kobo dikhutshwane ga bana bokamoso ba bo ba thapiwa kwa merakeng kgotsa mo malwapeng.

A re bana fa ba sa ntse ba le bannye mme ba dira ditiro kgotsa ba amega mo tlhakanelong dikobo go ba okeletsa go tsenwa ke malwetse ba tloge ba tshabelelwe ke dihawa.

Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a rotloetsa batsadi gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang o tshwanetse go kwadisiwa ka fa molaong dikgwedi tse pedi a sena go tsholwa.

Ka jalo o ne a gakolola batsadi go kwadisa matsalo otlhe a bana gore puso e tle e itse gore bana ba kae mme go batlega dikole kgotsa dikokelwana kwa dikgaolong di le kae gore bana ba go nna jalo ba tle ba di akole.

O ne a tlhalosa gore matsalo otlhe a tshwanetse go kwadisiwa go sa kgathalesege gore a motho o tsholetswe mo lwapeng kana kwa kokelong, a tlatsa ka go re le dintsho fela jalo di tshwanetse go kwadisiwa mo malatsing a le masome a mararo di sena go diragala. Tona Batsu o ne a tlhalosa gore bokamoso, ditogamaano le ditlhabololo tsotlhe tsa lefatshe di dirwa go lebilwe gore batho ba kae kgotsa ba tlhokafetse ba le kae fa kae. 

Tona o ne a tlhalosetsa banni gore e tlaa re ka Laboraro madi a badiri ba mo lwapeng a bo a okeditswe, ka jalo batho ba ipaakanyetse phetogo e.

A re go le gantsi batho ba thapa batho kwa merakeng le mo magaeng mme ba sa ba duele ka fa go tshwanetseng.

A re go ka fa molaong gore e re motho a simolola tiro go dirwe tsotlhe tse di tlhokegang, ditumalano tsa pereko gore e se re kamoso bangwe ba bo ba ikuela kwa diofising tsa lephata la gagwe gore ga ba tsewe sentle.

E ne e rile go le pele monnasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Goareng Legwatagwata a tlhalosetsa tona gore ba tshwenngwa ke batho ba ba thapang batswakwa ba ba se nang diteseletso tsa go bereka ga mmogo le tsone tsa go tsena mo lefatsheng leno. Mme Legwatagwata a re selo se se tshwenya fela thata ka se ba bakela mathata a mantsi mo motseng.

O ne a tlhalosa fa gape ba tshwenngwa ke gore ba dira dikarata tsa matsalo kwa Mahalapye, mme sebe sa phiri ke gore dinako tsotlhe fa ba ya teng go kaiwa fa didirisiwa di sa bereke kgotsa maranyane a le bokoa.

A re se, se a ba turela ka ba bolawa ke mosepele wa go ya Mahalapye le ntswa ba se na one madi a go palama kgapetsakgapetsa go ya go tlhola gore a dilo di boetse mannong, a tlatsa ka go re seemo se gantsi se kgoreletsa thata fa ba setse ba batla go direla bana ditlankana tsa matsalo fa di batlwa kwa dikoleng.

E rile a mo kgwa dikgaba, Rre Batshu a tlhalosa fa go se ka fa molaong go thapa motswakwa yo o se nang dipampiri, a re mo ke molato o motona mme batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato.

O ne a tlhalosa fa lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo le leka go baakanya seemo sa go tlhoka go tsoga sentle ga maranyane.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2015