Matlala o bolokilwe
29 Jun 2015
Mokhanselara yo o itlhophetsweng wa phathi Domkrag, Mme Gosego Matlala, o bolokilwe kwa Tlokweng ka mafelo a beke.
Dibui ka go farologana di supile fa Mme Matlala a ne a le senatla, a rata go dira ka diatla mme ebile a sa rate go senyediwa nako.
Rraagwe mogolo, Kgosi Kgosintwa Gaborone, o ne a supa fa ngwana wa ga monnawe a kaile fa a sa tsoga ka Laboraro fa a ile go mmaya kwa tirong, mme a gakgamadiwa ke go mo latolelwa ka le le latelang.
Mogolowe Mme Ethel Matlala, o ne a tlhalosa fa moswi a ne a supa a sa tsoga malatsinyana pele ga a tlhokafala, a bolela fa ba ne ba tshwerwe ke mohikela ene le mmaagwe le ngwana wa gagwe, o tlhalositse fa ba ne ba mo ragosetsa kwa ngakeng gone ka Labone , e e neng ya feta ya rurifatsa fa a tlhokafetse.
Mopalamente wa pele wa kgaolo ya borwa botlhaba, Rre Olebile Gaborone, o ne a tlhalosa fa ngwaga o o se monate mo lesikeng la bogosi, ka ba setse ba latlhegetswe ke batho ba le barataro.
O tlhalositse fa botshelo bo na le dipaka, go na le motlha wa boitumelo le wa selelo, a bo a supa fa motlotlegi Matlala a tsere sebaka se se khutshwane thata mo khanseleng.
Moemedi wa lesika go tswa Afrika Borwa, Moatlhodi Baatsi Nkabinde, o ne a supa fa a gakgamaditswe ke leso lwa ga Mme Matlala, a supa fa a ne a le senatla a rata go dira ditiro tse di dirwang ke borre.
O supile fa moswi a ne a kgona go kgweetsa diteraka, ebile a ne a sa tshabe go bua se a batlang go se bua.
Tona wa tsa botsogo ebile e le moemedi wa bomme ba phathi ya Domkrag motlotlegi Dorcas Makgato Malesu, o ne supa fa mme Matlala a ne a itshupa gore ke moeteledipele yo o tlhotlhwa.
O kaile fa ba latlhegetswe ke monana yo o tlhaga, molwantwa ebile e le monana yo o nang le tebelopele, a supa fa e ne e le moeteledipele yo ba neng ba mo tlhomile leitlho.
Moemedi wa phathi ya Domkrag, Rre Mpho Balopi, o ne a supa fa ba ne ba solofetse go le gontsi mo go mme Matlala, a bo a supa fa a ne a supa fa a ne a godisitswe sentle, a bo leboga ba lwapa la gagwe ka kgodiso e, a kopa gore phularong ya gagwe e tlise popagano mo lwapeng le lorato, bogolo jang mo go ba a neng a na le bone mo mokgatlhong.
Mme Gosego Matlala e ne le ngwana wa botlhano wa ga mme le rre Mafikeng Gaborone, mme a belegwe ka kgwedi ya Morule e supa ka ngwaga wa 1978. O tsene sekolo se se botlana kwa Camp Primary, a ya go dira dithuto tsa gagwe tse dikgolwane kwa Legae Academy, a dira tse dikgolo kwa IBN Business School kwa Afrika Borwa a dira Diploma in Marketing.
O simolotse go bereka kwa Planarch Architects ka 2001, a tsewa ke Soda Ash, a bereka mo makalaneng a a farologanyeng go fitlhela ka ngwaga wa 2014 fa a nna mokhanselara yoo itlhophetsweng wa kgaolo ya Borwa Botlhaba.
O tlogela mmaagwe, bomogolowe ba le bane le ngwana wa mosetsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TLOKWENG
Event : Phitlho ya mokhanselara
Date : 29 Jun 2015






