Breaking News

Ditlou di jesetsa balemi mo kgobedung

29 Jun 2015

Balemi barui ba Rakops mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka tshenyo ya ditlou tse bareng di ba senyetsa didiba e bile di kgaola diterata tsa masimo mme di upotse temo ya bone ba bo boele kwa gae ba iphotlhere.

Ba ntshitse selelo se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Fidelis Molao kwa Rakops.

Ba re le fa diphologolo di ba senyetsa jaana ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ba maoto a tshupa go ya go bona tshenyo ntswa ba e begetswe ba tlatsa ka gore gape ga ba duelo madi a phimolo dikeledi ka nako

Ba re ga baitse gore puso fa e sa tseye kgato ka ditlou tse jaana ,ga e bone fa e busetsa kwa morago maiteko a yone a go thusa balemi ka go ba lemela.

Balemi barui ba re fa go sa dirwe sengwe ka ditlou tse ba ya go tshelela mo lehumeng ka jaana maiteko a bone a go lema gore ba e jese le go direle lefatshe leno dijo a phuthamisiwa ke tshenyo ya ditlou.Barui ba ne gape ba lela ka koporase ya Botswana Meat Commission (BMC) ba re e tsaya sebaka go ba duela fa ba rekisetse dikgomo mo go bone.

Mongwe wa barui Rre Joseph Nenguva a re lephata la temo-thuo le jewa ke la diphologolo a supa gore mananeo a temo-thuo mo kgaolong ya bone a kgoreletswa ke diphologolo . o ne gape a re o kopa gore ba duelwe ka nako fa ba senyeditswe ke diphologolo .

Rre Batontoki Ramakhubu e ne o ne a re batla go isa dikgomo tsa bone kwa kgwedisong ka seatla a re mo nakong ya gompieno ga ba nna kwa ba diisang teng a tlhaolosa fa ba kile ba bo ba isa kwa Makalamabedi. 

O ne gape a ngongorega ka ba lephata la diphologolo a re ditlou di sale di sentse masimo a gagwe ga baisi baye go bona tshenyo.

Rre Selonyana Nyande o ne a re o lebogela go bo puso e ba thusitse ka go ba teratela masimo a a kopanetsweng a re sebe sa phiri ke gore jaanong terata e o e kgaolwa ke ditlou a tlhalosa fa ba ne ba kopa gore e tsengwe motlakase .

Mme Tuane Gabokgatlhe le ene o ne a lebogela lenaneo la LIMID a re mathata a bone ke mmaraka wa dipudi tsa dipholo ,a re boradibuchara ba reka ka madi a mannye atlatsa ka gore ba o kopelwe kwa go ba sesole sa Botswana le lephata dikgolegelo.

E ne e rile gole pele fa amogela baeng mothusa kgosi wa Rakops Rre Kagiso Mabona, a supa fa temo-thuo e le mokwatla wa Motswana ka jalo banni ba motse wa gagwe ba rata temo mathata ke ditlou a re fa ba lemile ba itsela fela, le ba ditshingwana tse di mo thoko ga noka di a basenyetsa atlatsa ka gore ba tlhoka go rutuntshiwa gore ba tshele diphologolo jang.

Kgosi Mabona a re mananeo teng ba a a bona mme mathata ke dijo tsa leruo a supa fa marekisetso a dijo le melemo ya leruo a sa bereke ,le metsi a re noka ga e ikangwe ka fa gongwe e kgala.

O bile a lela ka tlhaelo ya metsi mo e bile bangwe ba nwa metsi a noka a a seng phepa.

E ne e rile go pele mothusa tona a ba lekodisa gore le bone ele lephata temo-thuo ba lemogile gore ba tshela madi mo mothobodikeng ka ntata ya tshenyo ya diphologolo a re ga ba a nna fela ba thulantse ditlhogo le ba lephata la diphologolo go bona gore ba ka dirang go hema seemo se. 

Mothusa tona a re o lemogile gore selelo segolo sa kgaolo e ke tshenyo ya diphologolo, a re lefa diphologolo di tsisa itsholelo ga di a tshwanela go senya. O ne a lebogela mananeo go bo a tsweletse lefa go nna le dikgwetlo.

Rre Molao o ne a rotloetsa balemi/ barui go tlhama dikomiti le mekgatlo ya balemi barui tse a reng ke tsone di tsamaisang kgang le matshwenyego a bone tsa temo-thuo a tlatsa ka gore ke tsone ba tshwanetse go bereka le tsone.

O ne a re mathata a diterekere ga se gore di a tlaela go dirwa ke gore ba lemelana ka losika ,a kgotlhatsa borraditerekere go dirisana go tiro ya bone ene motlhofo ba dira jalo ka go kgaogana ditiro .

Mothusa tona a re bantshitse VAT mo didirisiweng tsa temo-thuo,a re maikaelelo a puso ke gore Batswana ba dire kgwebo ka temo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2015