Breaking News

Banana ba filwe sebaka sa go itshupa

29 Jun 2015

Tona wa Boranyane, Dikago le Boitseananape, Rre Nonofo Molefhi, a re puso ya Botswana ga e eteletse pele go ka dirisanya le dikhamphani tsa kago tse di tswang kwa ntle ga lefatshe la Botswana ntswa go na le tsa Batswana tse di nang le kitso le maitemogelo. 

Tona Molefhi o boletse se fa a ne a abela dikonteraka tsa banana tiro ya go baakanya dikago tsa sepodise sa Palapye tse dikgologolo ka Labotlhano. 

Mme pele ga Tona Molefhi a bua, mothusa mokwaledi yo mogolo go tswa mo lephateng la ga Tona Molefhi, Mme Judith Nwako, o ne a nna le tshono ya go begela morafhe ka yone tiro ya kago eo. 

Mme Nwako are lephata la gagwe le ntshitse selekanyo sa madi a P10 000 000 go shaafatsa dikago tsa sepodise sa Palapye tse dikgologolo mme o ne a gape are tiro e e abetswe banana ba Batswana ba ba itseng kago.

Fa a tswelela, o ne are tiro e e kgaoganyeditswe dikonteraka tsa banana tsa kago di le boferabobedi mme go setse go sainile dile supa mo nakong ya gompieno mme e le nngwe etla sainisiwa mo bogautshwaneng. 

O boletse gape fa go dirilwe tumalano le kikonteraka tsa metlakase di le tlhano ka mokwalo mme tse tlharo di le mo tseleng ya go saena le tsone. 

O boletse gape fa ba dira ditumelano le dikonteraka tse dingwe tsa banana ba Botswana tsa dikitso tse di hapegileng mo tirong ya kago. 

A ba setse ba saenile dikonteraka tsa madi a a tshwarang P8.5 million go dira tiro e. 

O tlhalositse fa go le molemo gore tiro e e bo e abetswe dikompone tsa Batswana mme a rotloetsa gore ba golagane le tumalono e ba e dirileng ba bo ba feleletsa tiro ka nako e dumalanweng gore ba seka ba nna le ditlamorago tse di maswe. 

O boletse gape gore ko Mahalapye le Mogoditshane go nale ditiro tse di tshwanang e tse di abetsweng dikonteraka tsa banana tsa Batswana. 

Erile fa a fiwa tshono ya go bua mo boemong jwa dikoteraka tse di filweng tiro e, Rre Thulani Mkanda o ne a tlhalosa fa tiro e tsamaya sentle ebile go sena mathata ape. 

One a solofetsa fa ba tla tsaya tiro ka tlhwaafalo ba bo ba e wetsa ka nako e dumalanweng. 

O tlhalositse gape gore ba tlhapile banana ba Palapye go ba direla mmereko. 

Are ba bone gole maleba gore ba reke dithoto le didiriwa tsa kago mo marekisetsong a Palapye go rotloetsa kgolo ya itsholelo ya motse o. 

Erile a bua la gegwe, Tona Molefhi o ne are goromente wa Botswana o ikaeletse go dirisanya le dikompone tsa Batswana tsa banana go dira ditiro tsa boleng jo bo riling mo lefhatsheng le. 

O tlhalositse fa ba neela banana ditiro tse gore di kgone go ba bula matlho le go ba fa maitemogelo a a rileng a kago gore e tle e nne bone ba ba ka aging lefatshe la Botswana mo bokamosong. 

Tona o ne a tlhalosa fa tiro ya kago ele tiro ya bokgoba ka e batla go dirwa ke dinatla ka manontlhotlho gore le tsone dikago tse di agilweng di seka tsa nna borai mo badirising ba tsone.

 O tlhalositse fa baagi ba ba tlhwaagaletseng tiro ya bone ese baagi ba ba isang madi kwa pele. 

One a gwetlha bo radikonteraka ba gore ba seka ba itlhanaganelela go fetsa tiro ya bone mo nakong ee beilweng ba bo ba lebala gore tiro e tshwanetse ya nna le boleng jo bo kwa godimo. 

A ba kopile gore ba dire tiro ya bone ka botlalo le bonatla gore e tle e swabise baba nyatsang dikitso le bodiredi jwa banana le gore ba tle ba supelwe ke ditiro tsa bone mo go mo go baba abelang dikompone ditiro tsa mofuta o le mo sechabeng ga mmogo le goromente wa bone. 

Tona Molefhi o tlhalositse fa go se sepe se kgoreletsang gore fa go nale tiro e e ntshitsweng ya kago, banana ba bo ba ikopanya ka dikitso tsa bone ba bo ba tsenya kopo ya go ka edira. 

O rile fa banana ba ka dira ditiro tsa bone sentle, ba ka nna le ditshono tsa go fiwa ditiro tse dingwe kwa mafatsheng a mangwe. 

O tlhalositse fa a eletsa go bona fa dikompone tsa Batswana di itleisana boratlhana le tsa mafatshe a a selo ka seo e le selo se se ntle thata. 

Tona o tlholoseditse bo radikonteraka ba ba abetsweng tiro ya go shaafatsa dikago tsa sepodise tsa Palapye e rulaganyeditswe go wela ka kgwedi ya Morule mono ngwaga ebile go se kake ga nna le nako le madi tse ba tla di okelediwang mme ba kopa gore le fa go ntse jaalo, ba se ka ba latlhelela tiro ya bone go gorogela kwa nakong ee beilweng mme tiro ya bone o bo e tlhaka boleng. 

O kopile gore ba dire tiro ka botswapelo le matsetseleko gore e kgatlhisa le one matlho a batlhatlhobi ba dikago, ka boleng jo bo kwa godimo ebile bo amogelesegang kagore fa ba ka dira jaalo ba tlaa nna le tshono ya go fiwa ditiro tse dingwe tsa maemo aa kwa godimo. 

Fa a fa malebo, Molamente wa Palapye Moiseraela Goya, o ne a re o tshwengwa ke gore go nale dikago dingwe tsa bogololo tse di sa tlholeng di dirisiwa ebile go lebega di latlheletsweng. 

O ne a tlholosa fa dikago tseo e le dingwe tse di dirisetswang borukhutlhi le dilo tse di maswe. O ne a ntsha mogopolo wa gore o tlaa buisanya le Tona Molefhi gore lephatla la gagwe le ba fe tsone gore ba di ipaakanyetse go ka nna matlo a boroko a barutabana. 

Tona Goya one a lebogela gore kago e ya sepodise e ya go dirisiwa gape mo bogautshwaneng. 

O ne a bolela fa morafhe wa Palapye one o tshwentswe ke gore dikago tsa mapodisi di beilwe kgakala le motse ebile go ba turela go ya go kopa dithuso teng. 

O tlhalositse fa matshwenyego a a tla fela kagore etlaa re tiro ya go shaafatsa e wela, mapodisi a mangwe a bo a tla go direla mo go yone gape.

Are o itumelela gore motse wa Palapye o tla nna le diofisi di le pedi tsa sepodisi go thusa go lwantsha borukhutlhi jo bo oketsegang mo Palapye. Fa a wela, Tona one are o itumelela gore banana ba ba bo ba tlhapile banana ba Palapye go ba direla ditiro mme one a rotloetsa le ene gore ba tsee tiro ya bone ka tlhwaagalo mme ba e wetse ka nako e e beilweng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : PALAPYE

Event : Kabo ya tiro ya dikonteraka

Date : 29 Jun 2015