Breaking News

Go dutla ga dipompo go oketsa tlhaelo ya metsi

28 Jun 2015

Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, a re o tshwenngwa ke dipompo le diphaephe tsa metsi tse di dutlang fela thata, mme Water Utilities Corporation (WUC)  ga e di tsibogele.

Mopalamente Kesupile o buile jalo fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe kwa Nyorosi Bogare bosheng. O boletse fa metsi a tlhaela fela thata mme sebe sa phiri e le gore a dutla mo pepeneneng mo ebileng metsi a oka leruo mo motseng.

O boletse fa ditlhwatlhwa tsa go duela metsi di le ko godimo le mororo ba sa nwe metsi sentle. O kopile banni go amogela seemo ka gore bothata ja metsi bo apere lefatshe ka bophara.

Mo dikgannyeng tse dingwe, o boletse  fa a utlwile selelo sa bone ka bothata ja bone ja gore ditaxi di gana go ba isa kwa Nyorosi ba tlhalosa fa ditsela di sa siama mme a tlhalosa fa a tlaa e sala morago, mme a solofetsa fa ditsela tse di fa gare ga kgotla ya Nyorosi di tlaa baakanngwa.

Rre Kesupile o buile gape ka mananeo a puso a a dumalanweng ke palamente go balelwa la RASA, madi a a fiwang bodiredi jo bo berekelang kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo, lenaneo la Tirelo Setshaba le baithaopi ba ba duelwang P600, lenaneo la SHHA le le akaretsang badirela puso le go hetolwa ga BCA college ya temo-thuo go nna mmadikole.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Jun 2015