Breaking News

Go bua ka tlhakanelo dikobo go botlhokwa

28 Jun 2015

Banana le batsadi ba Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tlhalositse fa go tlhoka go bua le bana ga batsadi go oketsa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS.

E rile ba bua mo dipuisanong tse di neng di rulagantswe ke ba ofisi e e gokaganyanag mananeo le ditirelo tsa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS ga mmogo le mokgatlho wa Tozwimilidza Mutiamuchile, ba tlhalositse fa batsadi ba le ditlhong segolo jang fa go tla mo dikgannyeng di tshwana tlhakanelo dikobo.

Mongwe wa bagolo e bile e le moruti Rre Zose Masalila o supile fa bontsi jwa batsadi ba le ditlhong go ka bua le bana ba bone ka tsa tlhakanelo dikobo. A re le bone e le baruti ba lejwa ka leitlho le le sa siamang fa ba ka bua ka dikgang tseo mo dikerekeng ka go dumelwa e le botho jo bo duleng mo tseleng.

A re Batswana ba santse ba setse ngwao le segologolo morago sa gore ga ba a tshwanela go bua dikgang tse di masisi le bana le ntswa go tlhokega ka bana ba segompieno ba sa tshwane le ba maloba.

O tsweletse gape ka gore ba bona seo gape e se tlotlo e bile ba batla go godisa bana jaaka bone ba ne ba godisiwa bogologolo le ntswa metlha e fetogile.

Monana e bile ele leloko la mokgatlho wa Tozwimilidza Mutiamuchile, Mme Felicity Ngoma o tladitse ka gore batsadi ga ba batle gotlhelele go utlwa ka dikgang di tshwana tsa tlhakanelo dikobo.

A re lefa ngwana a ka nna le kgatlhego ya go ka kopa bogakolodi mo motsading, motsadi o ka ikanya go mo ja ka meno.

A re fela fa o re o bolelela motsadi gore o na le mokapelo kgotsa rre yo o tshelang le ene ka ditsholofelo tsa gore o tla nna le wena fa fatshe a go bontshe tsela ka fa o tshwanetseng go itshwara ka teng, o tla bo a gomagometsa go go koba mo lapeng, a re o mo tlhabisa ditlhong e bile go supa fa o tswa molalanyana.

E rile a tswa la gagwe kgosi ya motse oo, Kgosi Mukani Mudongo a re le ntswa go le thata gore batsadi ba bue le bana ba bone ka tsa tlhakanelo dikobo ba tshwanetse go leka ka bonya ka bonya, ka e bile bana ba tlhaloganya e bile ba reetsa melao ya batsadi thata.

A re batsadi ba tshwanetse go emisa mokgwa wa gore ba a itlotla ba sireletsa bana ba bone go itse ka tsa tlhakanelo dikobo ba sa le bannye, ba tshwanetse go ba fa lesedi ka bana ba gompieno ba tlhalefetse dilo ka bontsi ba sa le ba botlana.

O tladitse ka gore o itlama go ema nokeng banana ba motse wa gagwe le mekgatlho e e ikemiseditseng go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV/AIDS le tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang.

A re dikereke le tsone di tshwanetse go gasa molaetsa o o kgothatsang e bile o nonotsha botsogo jwa Batswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Masunga

Event : Puisano

Date : 28 Jun 2015