Se monate se ingwaelwa
25 Jun 2015
Mogolwane kwa lephateng la botsogo, Mme Kelebogile Motlhanka, o gakolotse borre go ema ka dinao go tsaya tsia botsogo jwa bone.
Fa a bua kwa letsatsing la borre la thibelo kgokgontsho ya bong le dithuto tsa botsogo kwa Shsoshong bosheng, Mme Motlhanka o tlhalositse fa botsogo ele selo sa botlhokwa fela thata mme se tshwanenste go tsewa tsia ke botlhe.
Letsatsi leo le le simolotseng ka mogwanto wa dikhilomithara dile lesome, le ne le rulagantswe ke ba mokgatlho wa Men and Boys for Gender Equality, Lekgotla la Borre le Bomme le ba kokelwana ya Shoshong.
O ne a tlhalosa gore botsogo jwa motho ke konokono thata mme o fitlhela dikgang tsa botsogo ka bontsi di remeletse ka fa go bomme selo se a reng ba simolotse go se kganela.
A re gantsi mananeo ka bontsi o kare a kgaphetse borre kwa thoko mme jaanong nako e tsile ya gore Borre le bone ba akarediwe bo dikganyeng tsa botsogo ka le bone baa mega fela thata.
Mme Motlhanka a re dikgang di tshwana le kgokgontsho, tlhakanelo dikobo e e kopaneng le titeo le mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS ke dikgang tse di amang borre fela that aka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao.
O ne a tlhalosa fa nako e tsile ya gore borre le bone ban ne le seabe go bona gore dilo tshotlhe tse ba ikanaya le tsone gore ba seka ba tlhola ba beilwe ka a mosing kgotsa ba bue le bo mo rrarabone gore fa b aka ikopanya dilo tse di maswe tse gantsi di dirwang ke borre mo go bomme le bana di ka fokotsega.
E rile a tswa la gagwe mogwati mogolo wa letsatsi e bile gape a ikgolagantse le mokgwatlho wa Men and Boys for Gender Equality Rre Bonnie Fischier a tlhalosa fa kgokgontsho ya bomme le bana e le kgang fela e e masisi e tshwanetseng go tshwaraganelwa ke botlhe.
Rre Fischier a re dipalo fa go nale kgokgontsho ya bomme le bana lefatshe ka bophara mme ele se se gwetlha borre go ema ka dinao go bona gore ba fedisa dikgang tse di maswe.
A re nako e tsile gore ele borre ba eme ka dinao mme ba rotloetseng bangwe ka bone go emisa ditiragalo tse.
O ne a tlhalosa gore gape nako e tsile ya gore ele borre ba eme ka dinao go bona gore le ba itirele leina le lentle mo setshabeng.
O ne a kopa borre gape gore ba tshwanetse go tsibogela dikgang tse di aamang botsogo ja bone jaaka tsa go kgaola letlalo la bonna le tse dingwe fela jaaka bomme ba tsibogela tse di ba amang.
Rre Fischier one a rotloetsa borre gape go tsaya dikgang tsa go itshidila mme le go ja dijo tse di siameng, go seke ba iphitisa dino tsia a re ke tsone tse ba ka tshelang botshelo jo bo siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego la thibelo kgokgontsho ya bong
Date : 25 Jun 2015






