Breaking News

Tlhaelo ya dikoloi e kgoreletsa twantsho borukutlhi

25 Jun 2015

Kgosi wa Mapoka, Kgosi Ngocha Habangana, a re o tshwengwa ke borukutlhi mo motseng wa gagwe segolo jang jwa go thujwa ga matlo.

Mo potsolotsong ka Mosupologo, Kgosi Habangana, o tlhalositse fa bontsi jwa dikgang tseo di dirwa ke batswakwa.

O tsweletse ka gore bontsi jwa bone ba fiwa ditiro mo masimong le mo merakeng ke baagi ba motse oo, le ntswa ba sena diteseletso tsa go bereka mono. 

Kgosi Habangana a re bontsi jwa matlo a a thujwang ke a a tlogetsweng a sena batlhokomedi, beng ba one ba ikganeletse kwa ditoropong mme ba sa laela ope go sala ba a beile leitlho. A re Batswana ba tshwanetse go ithuta go laela baagisanyi ba bone segolo jang fa ba ya go nna kwa ditoropong lobaka le leleele go thusa gone go lwantsha borukutLhi.

O kgotlhaditse botlhe ba ba tlogetseng matlo a bone a sena batlhokomedi go kopa thuso mo baagisanying, mo dikomponeng tse di tlhokomelang dikago kana ba kope dithuso mo dikgosing ka go nale babereki ba ba tlhokang boroko gore segolo ba nne foo go a tlhokomela.

O tladitse ka gore letlhoko la dikoloi le ba kgoreletsa go tsibogela dipego di tshwana tsone tsa borukutlhi ka jalo dirukutlhi di felela di sia ka ba goroga thari kwa mafelong a ditiragalo.

Kgosi Habangana a re e re ka motse oo o le dikhilomithara fela di le tlhano go tswa mo molelwaneng wa lefatshe la Zimbabwe go motlhofo gore batswakwa ba tlole mme e re ka motse wa gagwe o le gaufi ba thibelele foo mme ba inaakanye le go thukutha ka e le yone fela tsela ya bone ya go itshetsa.

A re le ntswa letlhoko la dikoloi le ba beile ka fa mosing o itumelela tiro e ba sepodisi ba e dirang go lwantsha borukutlhi joo ka ba sa ipone tsapa go sireletsa motse wa bone, a re ba ikanya go tsamaya mo motseng ka dinao go thusa gone go sireletsa mo dirukutlhing.

Mo go tse dingwe kgosi o supile fa babereki ba tlhaela boroko mme a re seo se kgoreletsa go ntsha maduo mo ditirong. A re mmereki o tshwanetse go nna le bonno jo bo eletsegang gore sengwe le sengwe se tsamae ka thelelo. O tsweletse ka gore o ne a tshwanelwa ke go kopela babereki bangwe ba fa kgotleng boroko mo motseng mme a re seo se ntse se ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go nna le ba malwapa a bone ka boroko jo ba bo boneng e se jwa sepe mme e bile bo sa ba letle go ka nna le bana ba bone.

O tladitse ka gore o tshwengwa gape ke leruo le le sasailang mo motseng. A re go le gantsi le senya ditshingwana tsa merogo tse banni ba motse wa gagwe ba thusitsweng ka tsone go nyeletsa lehuma. A re barui ba tshwanetse go tlhokomela leruo la bone ka nako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 25 Jun 2015