Kgosi Phologo-Seitsang o bolokwa ka Matlhatso
25 Jun 2015
Kgosi Hatshejotlhe Phologo-Seitsang wa Makopong o tlhokafetse kgwedi eno e le masome a mabedi morago ga go lwala ka lobaka.
Go ya ka mongwe wa masika a moswi, Rre Donald Seitsang, kgosi o simolotse go etelela morafe wa Makopong ka ngwaga wa 1982 go fitlha a tlhokafala.
Rre Seitsang o supile fa Kgosi Phologo-Seitsang a ne a tsena mo setilong sa bogosi morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Mmusi Phologo, yo o neng a setse a tlogetse tiro ya bogosi ka bogodi.
O kaile fa Kgosi Phologo-Seitsang a eteletse pele morafe wa Makopong o o akaretsang Barolong, Bangologa le Baherero dingwaga di le masome a le mararo le boraro go fitlhelela a tlhokafala.
Rre Seitsang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dithulaganyo tsa phitlho ya ga kgosi di tsweletse sentle mme tsholofelo ke gore o tla fitlhwa kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa kwa Makopong.
O tlogela mohumagadi wa gagwe le bana ba le bane bomme ba le ba bedi le borre ba ba bedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Loso lwa kgosi
Date : 25 Jun 2015






