Breaking News

Modulasetilo o akgola Ipelegeng

25 Jun 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa Matobo mo kgaolong-potlana ya Tutume o akgotse ba ba tsentseng letsogo mo ditirong tsa Ipelegeng. 

E rile modulasetilo, Rre Sholo Mudaba, a bua mo potsolotsong, a tlhalosa fa motlhala wa lenaneo la Ipelegeng o bonala e bile maduo ke a nametsang le ditlhabololo di nna teng.

Rre Mudaba o tlhalositse fa ditiro ka bontsi mo motseng wa bone di dirwa ka lenaneo la Ipelegeng. 

A re bontle jo bo bonwang kwa Matobo ke ka ntlha ya go dira ka tlhaga badire ba lenaneo leo direlang la Ipelegeng. Modulasitilo o tlhalosa gore le ntswa Matobo ele motsana wa batho ba palo e e tlalang seatla mme itsholelo e tla tokafala that aka tirisanyo mmogo e banang le yone e le banni.

A re ka go nnna jalo maduo a ka nna aa kgatlhisang mang le mang. Modulasetilo a re Ipelegeng e dira ditiro ditshwana tsa go phepafatsa mafelo a tshwana le sekole,kokelwana le diofisi tsa bodirela puso. 

O tlhalositse fa mo bosheng ba boloditse ntwa kgatlhanong le bojang jo bo tlhogileng phetelela mo sekolong. 

Modulasetilo a re ba dira tiro e go fema dikotsi tsa gore bana le barutabana ba tlhaselwe ke digagabi tse di nnang mo tlhageng. 

O tlhalositse fa e se yone tiro fela e ba lenaneo la Ipelegeng ba e dirang, a re setlhopha se sengwe sa babereki se thusa ka go phepafatsa mo motseng jaaka sa Green Scorpion le go tsamaya ba gasa molaetsa wa bomosola jwa bophepa.

A re se lenaneo le le se dirang setshwanelwa ke go ka galalediwa. 

O tlhalositse fa tsela ya bone e se e e boreledi fela. 

Rre Mudaba a re tse tsotlhe di atlega ka mowa wa boipelego e le ba motse wa Matobo. 

A re o dumela that gore ba kabo ba gata kgakala ka ditlhabolo sebe segolo ke gore ditlamelo ka bontsi jwa nako di goroga morago ga nako ee solofetsweng gape le seemo sa ditsela se nale seabe ka go na le ditiro tse dingwe tse di direlwang mo tseleng mme se se baya badiri ka fa mosing ka go sa babalesega mo bakgweetsing gotlhe le babereki.

Rre Mudaba a re le ka nako ya dipula tsela ga e tsamaege. A re motsena wa bone ga o na sekolo se se golwane ka jalo ba dirisa sa Goshwe ko motseng yoo o mabapi wa Goshwe mme janong ga diemo tsa tsela di sa babalesega batsadi ba nna le maoto a tshupa go ya go tlhola bana kwa sekolong.

O kaile diemo di tswana le tsa go tlhoka motlakase mo diofising tsa kgotla e le nngwe ya mathata a ba lebaganeng le one. 

A re mme le ga ba faraferwe ke mathata jaana ga ba nyeme moko ka motse e le wa bone. Ka jalo ba tswelela ba dira ka tlhaga le ka manontlhotlho.

Mo godimo ga moo a re tota tshoso e rwelelng ya kgang ke go bona ba ntlafaditse motsana wa bone. 

Modulastilo one a akgola puso that aka maiteko a go fefosa ditlhaboloka lenaneo la ipelegeng ntleng le moo, batswna ba bona lemmenyana go ka totobisa dikgwetlho tsa botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 25 Jun 2015