Barui ba ngongorega ka tshenyo ya diphologolo
25 Jun 2015
Barui ba kgaolo ya Ngami ba ngongoregile ka tshenyo ya diphologolo ba re o kare puso e tlhokomela tsone thata go na le bone.
Ba ntshitse ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo thuo, Rre Fedelis Molao, kwa Maun bosheng.
Barui ba re fa di phologolo di tlhaga terata, di tsena mo metseng go ba senyetsa mme ga go tsewe kgato ntswa dikgomo tsone di bolawa fa di ya kwa le helong la diphologolo.
Mongwe wa barui, Rre Simon Bojosi, a re ka go lebega puso e bona bomosola jwa diphologolo bo feta jwa dikgomo, ke eng e sa dire gore ba tsee dingwe tsa dinare le ditlou ba di tshela kwa dikgalong tse dingwe jaaka, Serowe, Palaplye, Molepolole le mafelo a mangwe a a mo molehatseng leno.
Rre bojosi yo gape eleng modulasitilo wa mokgatlho wa barui obile a re bone ba ikemiseditse go thusana le puso mme a re monakong e e tlang fa tona kana e ne mothusi wa gagwe ba e tela kgaolo ba ikopanye le bone pele gore tle ba bathuse go araba dikgang tsedingwe.
Otsweletse a re gonna ba buetse ruri ka tshenyo ya diphologolo mme ba sa tsewe tsia go tloga jaanong go ba lotlhanya le yone puso, a tlatsa ka gore gongwe ga di le ka koo ba tlaa ithuta go di tlhokomela botoka ka batlaa boba bona se ba buang ka sone.
Rre Sesentle Madise e ne o ne a re le bone jaaka masole a gotsweng a disa melolwane ba kopa gore ba neelwe ditlhobolo gore ba kgone go tlhokomela terata eo kwa masole bas a gorogeng teng a tlhalosa fa motho a ka seke a kgalemela tlou ka molamu.
O ne gape a re tlhwatlhwa e e beilweng ke ba matlhabelo a Maun goreka di kgomo tsa bone ka yone e kwa tlase fela thata fa e tshwantshangwa le matlhabelo a mangwe mo lefatsheng leno.
Kgosana wa kgotla ya Moeti Rre Cosmos Lelatlhego e ne o ne a batla goitse gore keeng puso e sa tlhape batho ba metse e e gaufi le terata eo gore banna ka dinako tsotlhe ba tlhokometse jaaka ba bereki ba ipelegeng.
O ne a re ba kopa gore monakong e e tlang fa gotla tona wa temothuo go tle le wa diphologolo ka a re maphata ao ga a farologane gope, a ba a re go bo dilelo tsa batho ba kgaolo e o kare ga ditsewe tsia ke gore ga bana moemedi yo o mo maemong a botona kwa palamenteng a tswa mo kgaolong e no.
E ne erile go le pele mothusa tona a ba bolela fa maikaelelo a bone e le puso e se go nyeletsa dikgomo tsa kgaolo e no mme gosala diphologolo jaaka bangwe ba akanya.
A re oitse sentle gore kgomo key one botshelo le letlotlo la Motswana mongwe le mongwe, o bile a re bone ba santse ba kopa barui go tlhomamisa gore ba kentisa dikgomo tsa bone gore battle ba a kole maduo a a akolwang ke ba bangwe.
Modikgannyeng tse dingwe Rre Molao o ba boleletse gore puso e tsere maikaelelo a go thusa bao babanang le bogole ka madi a a kanang ka P300.00 a re a katswe bangwe bare a mannye mme ka na Motswana a re sejo sennye ga sefete molomo.
O ba itsisetse gape fa puso e santse e seka seka ka seemo sa leuba mo dikgaolong tsotlhe tse di katswang di a megile gore ba bone gore b aka thusa ka tsela e e ntseng jang.
O boletes fa etlaare mo bo gaufing go baakanngwe lebante le le rwalang nama kwa matlhabelong a Maun a re seo seka dira gore ba oketse palo ya dikgomo tsedi tlhabiwang ka letsatsi ka a re lone le dirisa motlakase gona le go rwala batho ka mmele a re go bonya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jun 2015






