Basha ga ba tsene diphuthego tsa kgotla
25 Jun 2015
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o kgothaditse banana go tsena diphuthego tsa kgotla ka makatanamane fa di buisiwa ke mapalamente le bagogi ba bangwe ba morafe.
Mopalamente Kesupile o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotlakwa Letlhakane Botlhaba le Go-ruele bosheng. O boletse fa a ganana le dikgang dingwe tse gotweng banana ba tlisa sepolotiki le manganga kwa dikgotleng a bolela fa ba kgalwa bo be ke dikgosi dingwe ke sone ba tshabang dikgotla.
Rre Kesupile o boletse fa banana e le bone bagogi ba kamoso ka jalo ba tshwanetse ba itsi ditsamaiso tsa makgotla le go tlisa megopolo e mesha ka gotwe maoto a nong ke phofa. O boletse fa mafoko a kgotla a le mantle otlhe ebile mo pusong ya batho ka batho mongwe le mongwe a gololesegile.
Mo go tse dingwe Rre Kesupile o buile ka melao ee fetisitsweng mo palamenteng ee fetileng jaaka wa lenaneo la SHHA, RASA, matimela, molao wa go bopa dikereke le Tirelo setshaba.
Fa ba mokgwa dikgaba banni ba dikgotla tseo ba ngongoregile ka tlhaelo ya metsi le mororo dipompo di dutla go sena tsapa le fisang pelo gore ba water utilities ba di kabe le fa ba begetswe. Ba ngongoregile ka bogodu ja leruo.
Ba boletse fa lenaneo la nyeletso lehuma lele bonya thata ebile bangwe ba fela dipelo ba bolela fa ditsompelo tse ba thusiwang ka tsone di satle.
Le fa gontse jalo Kgosi ya Letlhakane botlhaba Kgosi Searobi Searobi o kgadile a menne phatla batho ba motse wa gagwe ba ba mo kgoreletsang go buisa ka lefufa le a reng le kgoreletsa ditlhabololo. O boletse fa dikereke dingwe ese tsa boammaruri di rapela bosigo le motshegare ba batla go mmolaya.
O boletse fa ba seke batla ko go ene go mo gakolola le go botsa ka tsa bogosi le mananeo a a itsing e le Kgosi, o kgadile thata lefufa a bolela fa le apeetswe le lentswe mme lentswe la butswa. O rotloeditse popagano le tirisano mmogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 25 Jun 2015






