Breaking News

Borre ba Kazungula ba a kgokgontshiwa - dipatlisiso

25 Jun 2015

Maduo a ditlhotlhomiso tse di dirilweng ke lephata la tsa bong ka kgokgontsho mo motseng o di supile fa borre ba Kazungula ba kgokgontshiwa go feta bomme.

Mogolwane wa lephata le, Mme Onneile Monna, a re ditlhotlhomiso tse di dirilwe ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Ngwanatsele, ka thuso ya ba lephata la dikitsiso, khansele, Chobe arts le a mangwe.

“Re ne re tsamaya ntlo le ntlwana re botsa banni ba motse o ka kgokgontsho e e diragalang mo malwapeng a bone, mme re tsisitse maduo a ditlhotlhomiso tse fa a sena go anamisiwa kwa go bone,” a tlhalosa. 

A re ba tsile go kopana le banni ba motse o gore batle ba tswe ka maano a gore ba tsee tsela efe ka kgang e. Modiri mo lephateng la bone Mme Abaleng Khombani o boletse fa ditlhotlhomiso tse di supile fa ba na le bogole ba kgokgontshiwa mo malapeng. 

O tlhalositse gore kgokgontshiwa e simolola fela ka go kganela bana le bogole tshono ya go tlhatlhakana le batho kana go tsewa ka tekatekano le batho.

Fa ba akgela, mongwe wa banni ba motse o one a tlhalosa fa kgethololo ya ba na le bogole, e e leng kgokgontsho gape ga e kitla e fela ka gore mo na le bogole o kgona go amogelwa mo lwapeng le a nnang mo go lone mme sechaba, kana baagisanyi base ke ba mo amogele.

Mme Mafikizolo, o o kopile basadi gore ba nne ba tlhaloganya gore botshelo jwa le botsogo jwa bone di mosola thata. “Basadi re na le gore fa re kgokgontshiwa abo re tshaba go ya go ikuela ko go ba molao ka gore re abo re labile gore rre yo re tlaa bong re mo sekisa yo ke ene a re tshetsang mo lwapeng mme se se dire gore re nne fela re kgokgontshiwa,” a tlhalosa. 

O buile a sa kgale mathe are gore go fokotsa kana go fenya kgokgontsho gotlhelele ke fela fa bomme ba ka tsaya kgang e ka tlhwaafalo ka gore ko bofelong e kgona go baka dintsho le dikgobalo tse di masisi.

Borre ka bontsi ba supile fa kgokgontsho e ba diragalela ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Molatlhegi o tlhalositse gore bomme ban a le dikgang tse di bosula tse ba nnang ba di buisa borre, tse di dirang gore ba felele ba palelwa ke go itshwara ka go twe lefoko ga le bowe, go bowa monwana. A re go palelwa ke go itshwara ga bone go felela go dira gore ba dirise ditsela tse di sa siamang go kgalemela bomme jaaka go itaya.

Borre ba supile fa ba setse ba tshaba go ya go ikuela ko go ba molao ka gore fa ba tsena kwa ba a tshegiwa, borre ba mapodise ba ikgatlha ka bone ba ba botsa dipotso tsa gore ke eng ba palelwa ke basadi ele ba bone go na le go ba thusa. 

Ba re se se ba kgoba marapo mo ba felelang ba ineela ba nna nna fela mo kgokgontshong. Ba kopile ba molao gore ba dire tiro ya bone, ba ba fe thuso fa ba e tlhoka go na le go ba tshega gore kgokgontsho e e diragalang e e diragalang mo malwapeng e fokotsege.

Ba gateletse kgang ya gore ba a atlholwa fa ba palelwa ke go tlhokomela bana ba bone go na le gore go duwe ka megopolo e e ka ba thusang. Ba re molao o wa go tlhokomela bana ba lemogile fa o gateletse bone fela.

Kgokgontsho e nngwe e e nankontsweng ke ya batho ba ba tswang kgolegelong. Ba re batho bao ba buisiwa dikgang tse di utlwisang botlhoko tse di felelang di dira gore ba dirise ditsela tsa kgokgontsho kana ba itlhaole mo sechabeng kana ba nna ba sa phuthologa. Go tlhalositswe fa batho bae le batho fela jaaka mongwe le mongwe ebile go isiwa kgolegelong e ne ele tsela ya gore ba ye go ipaakanya maitsholo, jalo banni ba motse ba kopiwa go ba amogela fela jaaka mongwe le mongwe gore kgokgontsho e fokotsege.

Fa a akgela Mme Khombani o tlhalositse fa molao o diretswe gore o rarabolole mathata ka tekatekano. A rotloetsa borre gore le bone ba tseye dikgato fa bomme bas a tlhokomele bana ka gore seo ke kgatelelo mo go borre.

Ko bofelong banni ba motse o ba kopilwe go dirisa mananeo a nyeletso lehuma a lephata le le nang nao. Rre Duncan Madiabaso modiredi wa ofisi ya tsa nyeletso lehuma o tlhaloseditse banni ba motse o gore mananeo a a ka ba thusa go itshetsa ebile se se ka dira gore bomme b aba kgokgontshiwang ke borre ba ba ba tshetsang ba ikemele ka nosi ba sa ikaega ka ope.

Banni ba motse o ba ngongoregile ka gore go tsaya lebaka pele ba ka fiwa phetolo ke ba ofisi e, ebile nako nngwe ga ba fiwe phetolo gotlhelele, selo se se dira gore ban ne maoto a a tshupa go a kopa. 

Fa a tlhalosa Rre Duncan are mananeo a a fiwa batho ba eleng gore ga ba na se ba itshetsang ka sone gotlhelele ebile nako dingwe batho ga ba fiwe phetolo ka gore ba a bob a sa sala ditaelo tse ba di filweng morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gothusang Gasetime

Location : Kasane

Event : Pego ya maduo a ditlhotlhomiso

Date : 25 Jun 2015