Breaking News

Ipelegeng e tlodisa ba Tobela melatswana

24 Jun 2015

Lenaneo la Ipelegeng le tsweletse ka go tlhabolola itsholelo ya Tobela mo kgaolong ya Mahalapye.

E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Tobela, Rre Kgwanyakgwanyana Kobe, a bua mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa lenaneo la Ipelegeng le ntshitse bontsi jwa banni mo seretseng.

O boletse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe fela sentle mo motseng segolo jang ke bomme, o thalositse fa palo ya badiri ba le masome a mane le boraro e lekane obela.

Rre Kobe o boletse fa bontsi jwa badiri ba ikagetse mantlwana aba robalang mogo one ka dikatso tsa Ipelegeng fa bangwe ba itheketse dipodi ka dikatso tseo.

Modulasetilo o tlhalositse fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng dijo le bolokile bontsi jwa badiri ba Ipelegeng ka gore bangwe badiri bane batla go bereka basa ja sepe mme dijo tse ba di apeelwang di ba thuse segolo jang ba ba mo kalafing, o tlhalositse gape gore itsholelo ya bangwe ba baapei b aba apeelang badiri ba Ipelegeng e tokafetse hela thata.

Le fa go ntse jalo Rre Kobe o ntshitse matshwenyego a gore bangwe ba baapei ba apaya dijo tsa boleng bo bo ko tlase.

Mo ditlhabololong tsa motse Rre Kobe o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le kgonne go dirisiwa go aga diofisi tsa kgotla ya motse, go teratela lefelo le sekolo se se botlana sa Tobela se tlaa agiwang teng, go aga leobo la kgotla le go epa lehuti la matlakala la motse.

Mo ngwageng wa 2015 Rre Kobe o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le tlaa dirisiwa go aga mantlwana a boiteketso a a dirisang metsi le go aga matlo a a hirisiwang a komiti ya ditlhabololo ya motse ka gore komiti eo ga ena matlo a a hirisiwang.

Go sale foo modulasetilo o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le kopana le dikgwetlho di tshwana le banana ba ba ganelelang mo Ipelegeng le badiri b aba lofang mo tirong, o thalositse fa ba kgaolela badiri ba ba lofang madi mme fa modiri a lofa malatsi ale mararo a segelwa fa thoko mme go batiwe yo mongwe.

O boletse fa kgwetho e ngwe e ba kopanang le yone ele ya badiri bangwe ba ba dirisang matlhapa mme ere ba tseelwa dikgato go nne le dintwa tse di felelang di kgaoganngwa ke mapodisi.

Mo go tse dingwe modulasetilo o boletse fa Komiti ya ditlhabololo ya Tobela e sena letseno le lentsi la madi ka gore motse o santse ole mosha, seemo seo o boletse fa se ba kganela go dira ditlhabololo tse dintsi mo motseng.

O boletse fa ba tsenya madi mo letloleng la komiti eo ka go dirisa dikatso tsa bone ele maloko le go kopa baapei ba bojalwa mo motseng go tsenya madi mo letloleng leo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Tobela

Event : Potsolotso

Date : 24 Jun 2015