Moiseraela o kgothatsa barutabana
24 Jun 2015
Motshwarelela tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraela Goya, o kopile barutabana ba kgaolo ya Tsabong le ee mabapi gore ba dire ka natla go netehatsa gore ba ntsha maduo a mantle.
O buile se mo bokopanong jwa gagwe le barutabana ba kgaolo ka Mosupologo kwa Tsabong.
Tona o tsweletse ka gore puso e tshwentswe ke maduo a ngogola aa wetseng tlase hela thata lehatshe ka bophara ka jalo gole botlhokwa gore barutabana ba ititeye ka thupana go netehatsa gore maduo aa tokahadiwa.
Rre Goya o boleletse barutabana gore loeto lwa gagwe kela hela gore atle go utlwa ka dikgwetlho tsa bone le gore ba akanya gore goka dirwa eng gore go siame.
O tsweletse ka gore go botlhokwa gore barutabana ba bereke le batsadi gore batle ba ntshe maduo a mantle mo tirong ya bone.
O tlhalositse faa itse gore gona le dikgwetlho di tshwana le mathata a boroko le go duelelwa go bereka morago ga nako ee beilweng mme are go botlhokwa gore ere puso e santse e leka go rarabolola mathata ao bone abo ba tshwere ka thata go ntsha maduo aa itumedisang.
A re se seka thusa puso le tshaba ya Botswana ka gore tshaba ee rutegileng eka iphema mo malwetsing le gone go intsha mo lehumeng tota.
O buile gape a ba kopa gore ba berekisane le bagokgo ba dikole sentle ka gore haba sa dire jalo le gone goka digela maduo kwa tlase.
E ne e rile gole pele mookamedi wa lephata la thuto mo Kgalagadi Rre Monare Lechiile are ere le ntswa dikolo ka bontsi maduo a tsone a wetse tlase, tse dingwe jaaka sa Lehututu le Rappelspan tsone di dirile sentle hela thata.
Rre Lechiile o tlhalositse ha sekolo se segolwane sa Tsabong lesa Matsha di santse dina le tiro e ntsi hela thata yago itesanya borathana letse di kwa ditoropong.
Fa ba tswa la bone barutabana ba boletse ha lephata le tshwanetse go emisa go hira batho baba ithutang tiro kwa dikgaolong mme ere ba sena go sugega abo ba tsewa ba isiwa kwa metse setoropong.
Ba tsweletse ba lela ka letlhoko la dipagamo, go bereka dinako tsedi leele, go nnela ruri mo kgaolong le go ruta bana bale bantsi morutabana ale mongwe.
Tona oba tlhaloseditse fa puso e leka ka thata go rarabolola mathata a mme bone ba tshwanetse go netehatsa gore thuto ya bana etla pele ebile keya maemo a ntlha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Tsabong
Event : Bokopano jwa barutabana
Date : 24 Jun 2015






