Banana ba akgolelwa go inaakanya le mananeo
24 Jun 2015
Bogogi jwa Taupye mo kgaolong ya Mahalapye bo akgoletse banana ba motse oo go bo ba inaakantse le mananeo a nyeletso lehuma ka dipalo tse di kwa godimo.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Mogaetsho Dipao o boletse fa a namediwa pelo ke gore banana ba inaakantse le mananeo a nyeletso lehuma jaaka LIMID ka go tsaya dihutshane go itlhotlhora lehuma morago ga go gakololwa gore ba dire jalo ke mopalamente wa bone yo e bileng e le mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le ditlhabololo tsa magae, Mme Botlogile Tshireletso.
O boletse fa banana ba Taupye ba eme ka dinao ba tsaya mananeo a tshwana le go apeela dikole borotho le go apeela badiri ba Ipelegeng dijo.
Kgosi Dipao o ne gape a akgola khansele potlana ya Mahalapye go bo e tsile ka mogopolo wa gore metse e mebotlana le e metona e nne le dikgaisano tsa bophepa jwa tikologo, dikgaisano tseo, o boletse fa di ka gwetlha banni gore ba phepafatse metse ya bone, selo seo, o kaile fa seka dira gore metse e e phadisanyang e kgone go fitlhelela tsetla ya Tebelopele ya 2016 ya tshaba e e itekanetseng.
Mo go tse dingwe, Kgosi Dipao o tlhalositse fa Taupye a tsweletse ka go golela pele mme kokelwana ya bone e na le mooki a le mongwe, o tlhalositswe fa go ka nna botoka fa go ka thapiwa mooki yo mongwe go itepatepanya le mosuke o o bakwang ke go gola ga motse.
Kgosi o ne gape a bolela fa a sa jeswe diwelang ke metseto e e latlhwang (disposable nappies) e e gasagasameng gongwe le gongwe mo motseng wa gagwe bogolo jang ke banni ba ba mo metseng e e mabapi.
O boletse fa bontsi ja metseto eo e latlhelwa fa thoko ga tsela ya Mahalapye-Machaneng, nako tse dingwe e latlhelwa mo meseleng e e isang metsi kwa molapong, seemo seo o bolela fa se felela se kgotlela metsi fa dipula di nele.
O tlhalositse fa leruo le felela le e ja metseto eo, selo se se tsenyang botsogo jwa leruo leo le batho ba ba tlaa jang nama ya lone mo diphatseng.
O ne a kopa gore go dirwe molao wa gore metseto ya go nna jalo e emisiwe go boelwe ko metsetong ya segologolo e e sa kgotleleng tikologo.
Kgosi Dipao o ne gape a supa matswenyego ka letangwana la metsi a a leswe le le mo kgotleng ya Xhosa kwa Mahalapye.
A re letangwana leo le tshela metsi a a leswe mo nokeng ya Mahalapye mme metsi ao, a ele le noka ya Mahalapye go tsena kwa noka eo e kopanang teng le ya Taupye, mme leruo bogolo jang dikgomo di felele di nole metsi ao.
Seemo seo o tlhalosa fa se ama botsogo jwa dikgomo tsa bone mme boleng jwa tsone bo felele bo ile kwa tlase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Taupye
Event : Potsolotso
Date : 24 Jun 2015






