Kotsi e gapile matshelo a ba babedi
24 Jun 2015
Batho ba le babedi ba latlhegetswe ke matshelo mo kotsing ya koloi fa ba bangwe ba le babedi ba bone dikgobalo tse di masisi.
Mogolwane wa mapodise a Letlhakane, Superintendent Albert Foda o supile fa kotsi eo, e diragetse ka Mosupologo maitseboa ka nako ya bosupa mo tseleng ya Francistown/Orapa.
Supt Foda o tlhalositse fa koloi ya modiro wa Toyota Pajero e ne ya pitikologa morago ga gore mokgweetsi wa yone a latlhegelwe ke taolo. A re ba ba tlhokafetseng ke mme le rre ba dingwaga tse di magare ga masome a mararo le masome a mane le botlhano.
Ba ba bonyeng dikgobalo tse di masisi e le mme le rre ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le botlhano le masome a mararo mme ba robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown.
Supt Foda o boletse fa mokgweetsi wa koloi a bone dikgobalo tse di potlana mme a robaditswe kwa kokelong ya Letlhakane. A re le ntswa ba sa itse se se bakileng kotsi e, ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Supt Foda o kopile bakgweetsi go nna ba kgweetsa ka kelelelo ka nako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 24 Jun 2015






