Tiriso botlhaswa ya bana e a tshwenya
24 Jun 2015
Morago ga gore go dumelwanwe ka tshegetso le tshireletso ya ngwana wa mo Africa ke mafatshe fatshe, dipalo tsa tiriso botlhaswa le go nyadisiwa ga bana ba sa le bannye digola ka tsela e e tsitsibanyang mmele.
Mafoko a, a ntshitswe ke mmakaseterata wa maemo a magolwane kwa Palapye, Mme Rebecca Sethugile-Motsamai kwa Mogapinyana ka mafelo a beke fa a ne a buisa kokoano ya kgaolwana potlana ya Palapye kwa letsatsing la ngwana wa Mo Aferika.
Mme Motsamai a re dipalo tsa go nyadisiwa ga bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di batshwanetseng go nyalwa ka tsone di feta Sekete, are se setserwe mo dipalo tsa palo batho e e fetileng, are mme bontsi ja melato eo ga e begelwe badirafatsa molao go ditseeela dikgato, ke khupa marama fela, le ntswe di kgokgontsha ba didirwang mo gobone ebong bana.
One are dikgang tsa mofuta o tsa kgokgontsho di ama bana ba basetsana segolo bogolo, mme fa gotla mo gotsa gonyadisiwa, batseelwa ditshwetso ke batsadi ba bone, se gole gantsi se rotowediwang ke lehuma, ele gore botsadi botshela ka Rre yo motona yoo yo o eletsang gonyala ngwana wa bone.
One are borre baba tona ba banyalang bana ba bakafa tlase ga dingwaga tse dilesome le bofera bobedi babo ba gataka ditshwanelo tsa bana bao ka dinao, gape ba ama matshelo a bana bao fela thata le gone go kgoreletsa tshwanelo le kgololesego ya ngwana goka akola bonana le bo ngwana ja gagwe.
Mme Motsamai one are gone ga dirwa melao e e sireletsang ditshwanelo tsa bana, e e tlhalosang ka botlalo gore ngwana ona le tshwanelo ya go fiwa lerato, thuto ke batsadi ba bone. One are batsadi ba banyadisang bana batseela bana ditshwanelo ka go ba dira batsadi baise ba lekane go rwala boikarabelo ja go tsamaisa malapa, go sitang le gone goka tshola bana tota.
One a gwetlha ba tsaya karolo le borara go tsenya leitlho mo molaong wa ditshwanelo tsa bana, a tlhalosa ka gore fa ngwana a nyadisitswe ale kafa tlase ga dingwaga tse dilesome le bofera bobedi ga a sathole a tsewe jaaka ngwana ke Mme yo onang le boikarabelo, mme fa asa nyalwa a bo thakanela dikobo le motho yo motona jaanong molao o a tsena gore ngwana yoo o monnye goka itseela ditshwatso mogo tsa thakanelo dikobo.
Mme Motsamai one are go tlhokega gore melao ya kgokgontsho ya bana e tshwaragangwe go emela ditshwanelo tsa bana ka dinao, mme go thoka gore botlhe batsaya karolo ba e lebelele. one a kgala batsadi are le bone bana le seabe mo tiriso botlhaswa ja bana, le gone gore bontsi ja dikgang ga bo begelwe ba dirafatsa molao.
Oile a tlhagisa a bo a gakolola gore molao ware motho yoo o tlhakenelang dikobo le ngwana wa dingwaga tse di kwatlase ke ngwaga tse dilesome kana go feta.
Ene erile gole pele ga nankololwa maikaelelo a letsatsi leo, Mmaboipelego yo mogolwana gotswa mo kgaolwaneng potlana ya Palapye Mme Kedirileng Moseki are golebeletswe ka one gore a ditsetlana tse dineng tsa dumelwanwe ka dikgang tsa ngwana wa mo Africa di a diragadiwa, segolo jang tsa go bona gore a lefatshe leno letsere tshwetso efe ya go fedisa gonyadisiwa ga bana.
Go buelela le godiragatsa melao le kemo nokeng ya mananeo golebeletswe go emisa kana go kganela go nyalwa ga bana.go bona gore a batsaya karolo botlhe ba eme ka dinao go fedisa dikagng tseo, le gone go lemotsha setshaba ka bodiphatsa ja ngwao kana ditumelo tse di digelang bana ka lemena lago nyalwa bale bannye.
Mokhanselera wa kgaolo ya Mogapinyana Mme Mmaletsatsi Nthobatsang ene yare a afa malebogo , a supa batsadi ka mononwa go gweba ka bana are ke bone batsenyabg bana mo diphatseng tsa go amiwa ke dikgang tse are ga badirele bana sentle.
One are dikgang tsa tiriso bana botlhwaswa le gone go ba nyadisa bale bannye se bonala that mo baneng ba dikhutsana, mme se bakiwa ke bao ba baikaneng gore baya go tsaya boikarabelo ja go ba tlhokomela one a kopa puso gotsenya ntlha eo leitlho go thusa bana bao.
Mo boemong ja bana, Mme Marlin Mokotedi, moithuti wa mophtao wa bobedi kwa sekoleng se se golwane sa Kgatadima JSS one are sebaka setsile sa go itshekatsheka ele banana le gonna le mowa wa goutlwelana botlhoko ka gore fa balekana ba bone ba amiwa ke dikgang tse le bone ba a a amega ka bongwe ka bongwe.
One are go thokega gore gonne le mowa wa tomagano, popagano, le gone go nna seopo sengwe jaaka bana ba khuthu ele engwe, le gone go tshegetsa serodumo sa thuto le phetogo mo botshelong ja ngwana wa MoAfrica.
Are baka kgona ka tshwaragano ya goinonotsha ka tshwaragano ya thuto, le goitse ditshwanelo tsa bone e go ganana letse dika bagogelang mothaelong ele bana.
Letsatsi le le ne le ipelelwa ka moono o “dingwaga tse masome a mabedi le botlhano morago ga tumalano ya mafatshe a Aferika ya tsa tshireletso le tlhokomelo ya bana,go tlotlomatsa maiteko a botlhe go fedisa go nyalwa ga bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Mogapinyana
Event : Phuthego
Date : 24 Jun 2015






