Tiego ya dituelo e kgoreletsa lenaneo
23 Jun 2015
Bogogi ba Tobela mo Kgaolong ya Mahalapye bo supile fa tiego ya go duela barui ba ba rekisetsang lenaneo la LIMID dihutshane le kgoreletsa lenaneo go atlega.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Major Mphoyakgosi Kgotlayame o thalositse gore barui ba ba saleng ba rekisetsa lenaneo la LIMID dipudi ka Tlhakole ba isi ba duelwe ntswa baikopedi bone basa bolo go amogela dihutsane.
Seemo seo o boletse fa se sutisa lehuma go tswa mo baikopeding ba LIMID go ya ko baruing ba ba rekisetsang lenaneo leo, o tlhalositse fa baikopedi ba bangwe ba tshwanetse go fiwa dihutshane mo nakong e e gaufi mme barui ba sena maikaelelo ago rekisetsa lenaneo leo dihutshane.
Go sale foo Kgosi o tlhalositse fa mananeo a nyeletso lehuma a amogetswe sentle mo motseng wa Tobela, bogolo jang mananeo a a sa tlhokeng ditlamelo di tshwana le motlakase le metsi jaaka Ipelegeng le thuo ya dihutshane.
O boletse fa motse wa gagwe ona le tlhaelo ya metsi,gape o sena motlakase, seemo seo o bolelela fa se rontsha banni ba motse wa Tobela go akola mananeo a a tlhokang metsi jaaka masingwana a morogo.
Le fa go ntse jalo Kgosi one a opela lenaneo la Ipelegeng legofi go bo le thusa banni ba motse wa gagwe, o boletse fa banni ba sa tlhole ba wela mo isong, one a tswelela ka go akgola batsamaisi ba Ipelegeng go bo ba duela badiri ka nako, o boletse fa banni ba telwa dikatso tsa bone mo Tobela malatsi ale mararo go fitlha ale mane morago ga go hetsa go bereka.
Mo go tse dingwe Kgosi Kgotlayame o supile fa a sa itumelele tiriso botlhatswa ya nno-tagi mo motseng wa Tobela.
O boletse fa seemo seo se gakadiwa ke barekisi ba bojalwa jwa setso ba ba sa obameleng dinako tsa go tswala marekisetso a bojalwa, o tlhalositse fa gantsi banwi ba bojalwa ba setso ba felela ba lwa kana ba dirisa matlhapa morago ga go itontela nno tagi.
Go tsibogela seemo seo Kgosi o tlhalositse fa a tsamaya mo motseng le maloko a tlwantsho borukhuthi ba gwetlha barekisi ba bojalwa jwa setso go tswala ka nako le ntswa maiteko a bone a sa tswe tema nako tse dingwe ka gore maloko a tlhwantsho borukhutlhi ga bana ditlhata tsa go tshwara badira molato, o boletse fa motse wa gagwe oka kgonwa ke mapodisi, one a kopa puso gore bogolo e tsise lepodise le le lengwe le tego theogelela mo motseng wa gagwe.
Kgosi Kgotlayame gape o supile fa letlhoko la sekolo se se botlana mo motseng wa Tobela le baya batsadi le baithuti mo mosing, o tlhalositse fa baithuti ba ba nnang mo motseng wa Tobela ba tsena dikolo tse di mo metseng e e mabapi e bong Shoshong le Mahalapye.
Kgosi o tlhalositse fa baithuti ba ba mo motseng wa Tobela ba le masome a mabedi le botlhano ba tlamega go tsoga makuku malatsi otlhe le mo marigeng tota baya go emela dipalamo gore ba ye sekolong, o thalositse fa batsadi ba dirisa madi a mantsi go pega bana ba bone gore ba kgone go tswelela ka dithuto tsa bone.
O tlhalositse go ntswa motse wa bone o tlhomamisitswe go nna motse bosheng ka 2007 ba bata ditlhabololo tse dintsi mme thabololo ya konokono e ba e batang ke ya sekolo se se botlana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Tobela
Event : Potsolotso
Date : 23 Jun 2015






