Borre ba kopilwe go tsaya boikarabelo
23 Jun 2015
Borre ba gakolotswe go nna le seabe mo kgodisong ya bana.
Kgakololo e e dirilwe ke Rre Topo Autlwetse kwa Jwaneng bosheng, kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa o o neng o diretswe go ipelela letsatsi la borre.
Rre Autlwetse o ne a supa gore borre ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba bone ka go tlhokomela bahumagadi ba bone le go ba fa lerato. A re rre wa tlhwatlhwa o tlotla mosadi wa gagwe le go mo direla bonno.
O ne a kgala borre ba ba betsang bomme, a supa fa seo e le kgokgontsho, go tlhoka go itlotla le go godisetsa bana mo mabakeng a a botlhoko. A re tiro ya ga rre ke go sireletsa mosadi wa gagwe mme fa go na le kgalemo e tshwanetse go dirwa ka lefoko e seng ka go tsholetsa seatla.
Rre Autlwetse o ne a gwetlha borre go rata bomme ba bone le ka nako ya boimana ka jaana e le yone nako e ba tlhokang lorato le tlhokomelo go fitlhelela losea le goroga.
Rre Autlwetse yo o nang le dingwaga di le masome a mane mo lenyalong, are puisano fa gare ga banyalani e tsisa tshwaragano, kagiso le kgodiso ya bana e e nang le boleng.
“Rre jaaka tlhogo ya lelwapa, o tshwanentse go tlotlwa le fa a feletswe ke dithata tsa go ka tshetsa lelwapa ka lebaka la bogodi”, a tlatsa.
A re fa go nang le lorato le tshwaragano teng, bana ga ba tshosiwe ka rrabone,ba a mo tlwaela ba bo b a nna ditsala. O ne a gakolola borre gore go latlha bana ba bo ba ba boela ba setse ba godile ga go supe maikarabelo, mme a ba gwetlha gore ba nne le seabe se se bonalang mo kgodisong ya ngwana go simolola fela ka boimana.
O ne a akgola puso go bo e tlile ka molao o o patikang gore ngwana mongwe le mongwe a itse rragwe le ko a tlholegang teng, a tlatsa ka gore seo se tlaa dira gore borre ba tsee boikarabelo jwa bana ba bone.
E ntse ele ko moletlong oo, Rre Autlwetse o ne a gakolola bomme gore borre ba rata go tlotlwa,ka jalo ba tlhoka basadi ba tlhwatlhwa ebile ba le kutlo. A re go eteletsa bomme ba ba thusang mo malwapeng go borai tota.
Morotloetsi wa moletlo oo, Mme Gorata Ramasaka, o tlhalositse fa maikaelelo a one ke go lemoga seabe sa bo rre mo lelwapeng ga mmogo le mo kgodisong ya bana. Are borre ba tshwanetse go ikutlwa ba le motlotlo ka jaana tiro ya bone ya go etelela malapa pele,ele e kgolo mo sechabeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lebogang Baingapi
Location : Jwaneng
Event : Moletlo wa dijo
Date : 23 Jun 2015






