Breaking News

Maele o rotloetsa banni go tlhabolola ditsha

22 Jun 2015

Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o kopile banni ba Mahalapye go tlhabolola ditsha tsa bone tsa bonno.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye bosheng, Tona Maele a itsisi banni gore ba tsile go fiwa sebaka sa go bidiwa gore ba ntshe mabaka a gore ke eng ba sa tlhabolola ditsha tsa bone mme ba boe ba fiwe sebaka se sengwe gape.

O ne a tlhalosa gore fa ba ka fiwa sebaka sa bobedi ba ntse ba sa tlhabolole ditsha tsa bone, jaanong di tsile go gapiwa mme di fiwe ba bangwe ba ba di tlhokang.

A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le setsha mme fa a sa tsamaelane le melao e e beilweng ditsha tseo di tlaa tsewa, a tlatsa ka gore lephata la gagwe le ikemiseditse go ba fa sebaka sa go tlhabolola ditsha tseo.

A re fa gongwe batho ba fa mabaka a gore ba paledisiwa ke go tlhoka ditlamelo di tshwana ditsela, metsi kgotsa motlakase mme ke ka moo ba sa kgoneng go tlhabolola ditsha tsa bone.

Tona a re o tlaa ikopanya le maphata a a tshwanetseng gore bogolo go lekwe go dirwa ditirelo tse di potlana kwa ditsheng tseo di tshwana le tsela ka tse dingwe gongwe di ka tswa di tura gore batho ba tle ba kgone go tlhabolola ditsha tsa bone.

O ne a tlhalosa gape gore motho o kgona gore fa a sa kgone go tlhabolola setsha ka nako e e beilweng a ikopanye le ba lephata la gagwe mme a buse setsha seo.

Rre Maele a re se, se ka fa tsamaisong e bile motho wa go nna jalo o kgona go tla go bona setsha gape nako e jaanong a se tlhokang.

A re go le gantsi batho ka bontsi ba feletsa ba rekisitse ditsha tsa bone ka ntateng ya go supa fa ba sena se ba ka tlhabololang ka sone, a re se se tshwenyang e le gore ba rekisetsa bogolo thata batswakwa.

O ne a ba tlhagisa gore tlhwatlhwa ya lefatshe mokgwa wa lone e gola ngwaga le ngwaga, a kaya gore fa ba rekisa ka madi a a kwa tlase bone batho ba ba ba rekisetsang bao ba feletsa ba le rekisitse ka madi fela a a kwa godimo.

Rre Maele a re setsha se na le morokotso fela o motona, mme e bile madi a teng a gola mo go makatsang ka jalo bogolo ba di busetse kwa lephateng la kabo ditsha gore di fiwe Batswana ba bangwe.

A re se se diragala thata e mo metseng e tshwana le Mahalapye le tikologo, mme a kopa batho go emisa mokgwa o.

Mo go tse dingwe tona o ne a re lephata la gagwe le kolotiwa madi fela a a tsistibanyang mmele ke batho ba dikgwebo, dikereke le ba bangwe mme a kopa gore lephata la gagwe le duelwe.

A re ditsha tse di a duelwa mme batho ba kgona go nna fela dingwaga ba sa duele mme e bile o batla go ikopanya le maphata a a lebaneng gore batho ba go nna jalo ba seka ba letlelelwa go shwafatsa diteseletso tsa bone ka ba kolota ditsha tsa go nna jalo.

Tona a re ke molato fela o motona ka ga se gore ba kolota fela lephata mme ba kolota puso. Rre Maele a re ba tshwentswe ke batho bangwe gape ba ba lwelang ditsha tsa batsadi ba bone mme e le bana ba motho.

A re dikgang tsa mofuta o di dinitsi fela thata mme ka jalo a kopa batsadi gore molao o letla gore ba kgona go kwala maina a bana ba bone bo setlankaneng go fema dikgang tsa mofuta o fa ba setse ba tlhokafetse.

Fa a bua ka dikgang tsa bomaipaafela, Rre Maele o ne a gakolola banni gore ga go ka fa molaong gore batho ba iphe lefatshe ba sa beiwa ke lekgotla la kabo ditsha.
A re ke ka moo o bonang bangwe ba felela ba fudusitswe ka go se ka fa molaong wa lefatshe leno.

E ne e rile gole pele motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato yo mogolwane mo Mahalapye Kgosi Duncan Segotsi a tlhalosa fa batho ba sa tlhabolole ditsha tsa bone ka go sena ditlamelo di tshwana metsi, ditsela le motlakase.

Kgosi Segotsi o ne a gakolola ba lephata la ditsha gore a b aka se ikopanye le ba maphata a a lebaneng go bona gore ba ise ditlamelo kwa ditsheng tsa g nna jalo gore batho bat le ba kgone go tlhabolola.

A re o lemogile gore se, ke sone se tsenyang boitseme mo bathong ka motho o felela a itsapa go tlhabolola mme a felele a rekisitse gore bogolo se seka sa gapiwa.

Kgosi one a lekodisa tona gape gore ba tshwenngwa ke bogodu jo bo golelang pele kwa kgaolwaneng ya Mmadipheretha ka e sa tlhabologa mme e tletse bomaipaafela, go tshwana le bone bogodu ba motlhaba.

O ne a kopa gore ba motlhaba bone ba utswa le bosigo ntswa bas a tsaya diteseletso kwa lephateng le le lebaneng.

Kgosi Segotsi gape o ne a ngongorega ka matlotla a a tletseng mo Mahalapye a re a tsala magodu, ga mmogo le bo maipaafela ba ba kwa motseng wa Mokoswane mo kgaolong Mahalapye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jun 2015