Breaking News

Go tlhatlhoba mmu go botlhokwa

22 Jun 2015

Balemi ba kgaolo ya Borwa ba kopilwe go tlhatlhoba seemo sa mmu mo masimong a bone pele ga ba lema paka nngwe le nngwe gore ba kgone go dira dipoelo.

Go buile jalo mmabalemisi wa kgaolo eo, Mme Sentleeng Maoto, kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa go ipelela thobo kwa masimong a Mmalore bosheng. A re go tlhatlhoba seemo sa mmu go ka thusa molemi go itse gore a mmu o tlhoka dikotla dingwe kgotsa nnyaa selo se a reng se botlhokwa fela thata.

E re ntswa puso e thusa balemi ka menontshane mahala ka lenaneo la ISPAAD, Mme Maoto o tlhalositse fa gole borai go dirisa menontshane eo ka go abelela ngwaga le ngwaga jaaka bangwe ba dira a supa fa e ka senya seemo sa mmu fa e fitile selekanyo se se tlhokafalang go ka tshuba dijalo go bakela molemi tatlhegelo.

Mme Maoto gape o rotloeditse balemi go lema mabele a tlhalosa fa a santse a nale mmaraka oo boruma mo lefatsheng leno.

Are go a swabisa gore lefatshe leno le bo le santse le reka dijo kwa mafatsheng a sele le ntswa puso e ntshitse mananeo a tshwana le la ISPAAD go ba rotloetsa go itirela dijo.

Ebile Mme Maoto o kopile Batswana go tswelela ka go dirisa ngwao ya go upa masimo a bone go thibela diji mo masimo jaaka dinonyane.

Are go dira jalo ebile go ka thusa go direla baupi kgwebo gape go somarela ngwao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : KANYE

Event : Moletlo wa go ipelela thobo

Date : 22 Jun 2015