Mogokgo o lebogela mpho ya ditlhako
22 Jun 2015
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Seboko kwa Ramotswa, Mme Tiego Botlhole, a re ba lemoga fa go na letlhoko mo baneng bangwe ba sekolo seo, mme ba kopa mo dikhamphaning go ba thusa ka paka ya sekolo bogolo jang ditlhako.
O buile se mo kabong dimpho e e neng e dirwa ke khamphani ya BENWELL le baithaopi bangwe, ba ba neng ba abela bana ba sekolo seo paka ya sekolo le ditlhako.
O ne a bolela fa ba ne ba bona go le botoka gore ba bitse batsadi go tla go bona se se diragalang, gore ba seka ba gakgamala gore go diragala eng kwa sekolong.
Mme Botlhole o boletse fa mo sekolong seo, ba batla go ntsha bana ba ba nang le boikarabelo, ke sone se ba kgathalang ka tebego ya bone, le gone go latedisa gore ba dira jang fa ba le kwa dikoleng tse dikgolwane.
O kaile gore fa ngwana a tshwaraganelwang teng go nna monate, le ngwana a tlhwaafalela dithuto.
Mongwe wa baithaopi Rre Moeti Joel, o ne a supa fa ba ne ba lemoga fa go na le letlhoko mo baneng ba sekolo, fa ba ne ba abela bana ba sekolo sa Borakalalo ba ba neng ba tlhoka ditlhako ba le lekgolo le masome a marataro.
O boletse fa go ithaopa ga bone go simolotswe ke mme Chandapiwa Baputaki ka go abela bana ba sekolo sa Lesirane ditlhako ba le babedi, mme go tloga foo a kopiwa ke dikolo ka go farologana go ba thusa.
O boletse fa Mme Baputaki a ne a laletsa Batswana ka ene go mo thusa, mme a ne kopa gore baithaopi ba reke ditlhako eseng go tlisa madi. O boletse fa ba setse ba thusitse bana ba dikolo di le mmalwa jaaka tsa Nkange, Bobonong le Seboko, mme ba le mo thulaganyong ya go abela ba Maitenngwe
Rre Joel o boletse fa tiro e e se motlhofo ka ba thusiwa ke Batswana ba ba tswang khutlong tse nne tsa lefatshe.
Rre Tshiamo Molobi wa kompone ya Benwell, o ne a supa fa a bonye fa go na le letlhoko mo baneng, mme a seegela madi a P10-000 kwa thoko ngwaga le ngwaga, go thusa bao ba ba tlhokang.
O tlhalositse fa a setse a thusitse bangwe Batswana ba ba neng ba na le letlhoko jaaka ba-na-le bogole ba sekolo sa Ramotswa Secondary, ba ba neng ba na le letlhoko la dikobo, o kaile fa kgatlhego ya gagwe e le mo baneng.
Erile a fa malebogo Kgosi Tsimane Mokgosi, a bolela fa a lebogela baithaopi bao go fa ba ba tlhokileng lesego, mme a supa fa a tshwenngwa ke batho ba e reng fa ba abela batlhoki, ba bo ba batla gore lefatshe le itse lotlhe gore ba a aba.
O boletse fa dimpho tse di le botlhokwa ka di abilwe ka letsatsi la ngwana wa Mo- Afrika. O kopile bana bao go tshwara dilwana tseo sentle le go di dirisa ka nako e e tshwanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Kabo dimpho
Date : 22 Jun 2015






