Bogodu kwa Kazungula bo a tshwenya
22 Jun 2015
Mookamela mapodisi a Kazungula, Superintendant Vusimusi Jorowe a re ba tshwentswe ke bogodu kwa Kazungula Newstance jo bo sa laolesegeng.
O buile jalo mo potsolotsong bosheng. Supt. Jorowe a re le fa seemo se tlhobaetsa, se botoka mo go sa ngwaga o o fetileng.
A re sengwe sa dilo tse di bakang bogodu jo bo ntsi mo motsaneng oo ke gore banni ba motse ba aga mantlo ba bo ba sa a agelele, se se bakang gore magodu ba tsene motlhofo mo jarateng ba bo ba kgona go sia motlhofo. “Banni ba motse o ba re ga ba agelele dijarata tsa bone ka gore diphologolo di a ba senyetsa fa di setse di batla go feta di dija diterata tsa bone,” a digela.
O tsweletse ka gore banni ba motse o ba rotloediwa go re fa ba tswa mo lapeng ba laele baagasinyanyi ba bone gore ba sale ba ba lebetse ntlo gore fa go thubiwa ba kgone go ikgolaganya le ba sepodise.
A re se se ka thusa go boloka bosupi nako ele teng fa magodu a thubile. Rre Jorowe are batho ba seka ba nna ba tlogela dilwana tsa bone tsa botlhokwa jaaka dithelebishini, megala ya matheka, dilo tsa motlakase le tse dingwe mo ntlong ka ke tsone tse magodu ba di utswang thata.
A re fa go kgonega ban ne ba tlogela mongwe aba letletse ntlo fa ba santse ba le mo leetong, kana ba tlogela dipone tsa ntlo di tshubilwe gore batho ba tseele gore go na le batho mo lelapeng.
Rre Jorowe are ba kopa batho gore ba emise go thapa batswakwa b aba senang teseletso ya go bereka mo Botswana go fokotsa bogodu jo bontsi jo bo diragalang ka gore dikgetsi ka bontsi tsa bogodu di dirwa ke batswakwa.
A re se se diragala ka gore motswakwa o tlaabo a tlwaetswa jarata ya motho, a itsisiwe tsamaiso ya lelwapa leo mo a felelang a ka nna le tshono ya gore fa beng ba lelwapa ba seyo a thube a utswe se a se batlang.
O kopile Batswana go emisa tirisanyo mmogo le batswakwa e e amang go utswa dilwana ba bo ba di isa ko ntle ga lefatshe go ya go rekisiwa, go neela kana go fitlha batswakwa ba ba utswang mo mantling a bone ka gore selo seo ke molato ebile se oketsa dikgetsi tsa bogodu.
Are bogodu jo bo diragalang gantsi go a bo go utswa batho ba go belaesegang ele ba letso la Zimbabwe ka gore gantsi motlhala wa teng o felela ko molelwaneng wa Zimbabwe, dilwana tse dingwe tsa bogodu tse di a bong di utsulwe mo Kazungula di fitlhelwa teng, ebile mololwane wa Zimbabwe ga o a agelelwa se se dirang gore magodu ba kgone go tlola motlhofo.
“Re tsweletse ka go leka go fedisa bogudu mo Kazungula Newstance. Bangwe ba badiri ka nna ba nna ba tsamaya motse le motse ba ruta batho ka fa ba ka iphemelang mo bogodung ka teng,” a tswelela.
A re le bosigo ba a tsamaya mo motseng le ko melolwaneng ya Zambia, Namibia le Zimbabwe go tlhomamisa gore ga gona batswakwa b aba tlhagelang mo Botswana.
O tsweletse ka gore ba na le seemo sa diphologolo tse di borai tsa naga tse di ba kgoreletsang go gwanta bosigo.
O tlhalositse fa ba kile ba nna le dithoto tse di tshwerweng ko Zimbabwe di utsulwe mo Botswana, tse ba kgonneng go di busetsa mong wa tsone morago ga ditlhotlhomiso tse di faphegileng.
“Re na le tirisanyo mmogo e e siameng le mapodise a Zimbabwe ka gore motlhala wa dilwana tse di utsuwang mono o felela ko lehatsheng la bone. Fa go nna le bogodu re a ba leletsa abo le bone ba re thus aka ditlhotlhomiso,” Rre Jorowe a tlhalosa.
Fa a digela are ba lekile go bua le banni ba motse o mo diphuthegong tsa kgotla le fa ba ntse ba tsamaya mo motseng gore ba nne le didirisiwa tsa iphemelo, jaaka dialamo le go thapa badisa dikago.
A re ba tshwae dilwana tsa bone gore fa di tshwara golo gongwe mong wa tsone atle a kgone go di lemoga mo go tsa ba bangwe, ba beye disupo tsa dituelo gore bat le ba kgone go farologanya dithoto tsa bone mo go tsa ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gothusang Gasetime
Location : KAZUNGULA
Event : Potsolotso
Date : 22 Jun 2015






