Ba ga itumelele lefelo la dipalamo tsa setshaba
22 Jun 2015
Tutume o sa tswa go amogela lefelo le le emelang dipalamo tsa setshaba.
Lefelo le le simolotseng go dirisiwa ka kgwedi ya motsheganong le sa tswa go bulwa se mmuso ke tona wa tsa pereko le sele gae, rre Edwin Batshu yo e leng gape mopalamente wa kgaole eo.
Mo potsolosong, bakgweetsi le bagwebi ba supile fa ba santse ba na le maikutlo a a sa welang ka tiriso ya lefelo leo.
Rre Fanilo Jonathan yo o direlang mo lifelong leo, a thusa ka go kaela babalami le go ba thusa ka merwalo ya bone o boleletse BOPA gore lefelo lesopa fa dilo tse dingwe di tlhaela kgotsa disa felelediwa. Rre Jonathan o tlhalositse gore dilo ditshwana le meriti e mo go yone bapalami ba ka ikhutsang gab a letetse dipalamo e seyo.
O tswelela ka gore tiro ya go rwala setshaba ga se diketo, a re ba simolola tiro ya bone malatsi otlhe ka nako y a makuku a naka tsa kgomo ere go ntse jalo ba golole bosigo thata.
O buile gore se ga se jese diwelang ka mo nakong tse dingwe ba theogelela mo lefifing, ka go sena dipone tse di ka ba bonesetsang.
Rre Jonathan a re ga a gane maiteko a puso mo go lekeng go tlhabolola lefatshe, a re a nne botoka ba lebelele tshireletso ya batho ba bone.
A re mo diemong ditshwana le tse magodu a tsaya tshono ya go ka thukutha batho le go ba tseela dithuto tsa bone, mo mesepeleng ee diragalang bosigo gol le lefifi.
Ga a mo tswa kgaba Rre Geofrey Tshwenyego yo e leng mokgweetsi wa dipalamo tsa Tutume Francistown, a re ne go ka nna gontle le go feta fa go ne go ka tsengwa matshwao a kayang lefelo le dipalamo di yang teng.
A re le fa lefelo e le lele phuthologileng gona le le le neng le dirisiwa pele, bangwe ba ba seng mo kgwebong ya dipalamo tsa setshaba ba tsere tshono ya go dirisa lefelo le go neng go emelwa dibase teng go le pele.
A tlatsa ka gore se se reketlhisa kgwebo ya bone gape se baya bapalami mo diphatseng ka bato ba go nna jalo ba sa sale molao morago.
Fa a tswa la gagwe mme Dineo Badi yo e eleng mogwebi ka dithoto tse di farologanng a re ene seemo sa gagwe ke sese pharologanyo.
O tlhalositse fa a akgolela puso maiteko a go shafatsa mafelo a tshwana le Tutume. Mme Badi a re kgwebo ya gagwe e nna le bareki go tshwantshangwa le pele. O boletse fa lemmenyana le a le bonang le tokafala.
A re gape o kgatlhwa ke gore jaanong tikologo e a direlang mo go yome e phepa, a re lerole le tla ritibala moo go dire gore le dilwana tsa bone di kgatlhise matlho a baji bareki.
O ne a gatelela go lekwe go tsengwa dipone, ka seo se ka thusa thata mo diemong tseo fitlhelalang go gololwa bosigo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 22 Jun 2015






