Breaking News

Kgolo ya sekaka e ka bifisa lehuma

22 Jun 2015

Go gola ga dikaka go kailwe go tswenya thata ka jaana go fokotsa lefatshe le le siametseng go ka dirisiwa ke batho go itshetsa.

Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima Rre Biggie Butale kwa letsatsing la mafatshefatshe ya go lwantsha bosekaka le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Mapoka ka Laboraro (17/06/2015).

Rre Butale, yo o neng a bua mo boemong jwa tona wa lephata la tikologo, diphologolo le Bojanala Rre Tshekedi Khama, o tlhalositse fa selekano sa lesome le botlhano mo lekgolong sa lefatshe la Botswana se amilwe ke bosekaka, mme se se tshwenya thata ka jaana se amile matshelo a batho ba ba tshelelang mo mafelong a a amegileng.

A re ka go setse go supagetse fa dikaka di tsweletse ka go gola, maiteko a go lwantsha kgolo ya tsone a tshwanetse le one a nonotshiwa gore a tle a kgone go itepatepanya le seemo se se sa eletsegeng se.

O ne a kaa fa bosekaka bo ama matshelo a batho ka a ikaegile ka tikologo; a supa fa go gola ga dikaka go raa gore batho ga ba kgone go tswelela ba akola sebaka sa go dirisa tikologo ya bone go itshetsa ka ditiro di tshwana le go epa ditswa-mmung, go lema le go rua ga mmogo le go inaakanya le ditiro tsa bojanala.

Mopalamente Butale o ne a supa fa go le botlhokwa gore go emelwe ka dinao maiteko a go dibela kgotlhego ya tikologo gore e tle e sologele molemo dikokomane tse di tlang.

A re ditiro tsa batho tse di nang le seabe mo go swafatseng tikologo di tshwana le go baa leruo le le palo ntsi mo lefelong le le lengwe di tshwanetse tsa emisiwa, se e le tsela nngwe ya go fa tikologo sebaka sa go ka intshafatsa.

Fa a bua mo boemong jwa komiti e e okametseng tlhokomelo tikologo kwa motseng wa Mapoka Rre Rapelang Kealotswe o ne a tlhalosa fa mo motseng wa bone ba dirile maiteko a go lwantsha kgotlhego ya lefatshe.

A re tiro eo ya bone e e simolotseng ka ngwaga wa 2010 ka thuso ya madi ya lekalana la tshomarelo tikologo la Forest Conservation Botswana e ntse e tsweletse le mo nakong eno; mme ka yone ba setse ba kgonne go agelela sekidi sa lefatshe mo motseng se se neng se tletse dikhuti le melatswana mme se sa tlhole se le mo maemong a sone a tlholego.

Rre Kealotswe a re ba lemile ditlhare tsa mefuta e e farologanyeng kwa lefelong leo ba bo ba dira dikganedi ka matlapa go fokotsa lobelo le ka lone metsi a neng a elela mo melatswaneng eo.

Tse tsotlhe o tlhalositse fa ba ne ba di dira go dibela mmu o o mo lefelong leo go tswelela o gogoulwa ke metsi fa dipula di na.

A re maikaelelo ke gore lefelo leo, le batsena-tiro eo ba neng bay a go le bontshiwa le tsoge le direla motse wa gaabo madi fa le sena go tla mo seemo sa go ka tshegetsa ditiro tse di farologanyeng di tshwana le manyalo le mediro e mengwe.

Fa a bua ka se bone ba se dirang kwa motseng wa bone, Rre Never Lenyatso wa motse wa Nlapkhwane o ne a supa fa le bone ba gatetse pele ka maiteko a go baakanya lefatshe le le amilweng ke kgotlhego ya tikologo.

A re le bone ba kgonne go agelela sekidi sa lefatshe se ba neng ba lemoga fa se amegile thata, ba bo ba bolotsa letsholo go ruta morafe wa motse oo ka botlhokwa jwa go somarela tikologo.

A re tse dingwe tse ba di dirileng kwa lefelong leo e nnile go phunya sediba, go lema ditlhare ga mmogo le go simolola projeke ya thuo ya dinotshi.

Rre Lenyatso a re ba kgonne tsotlhe tse ba di dirileng ka dithuso tsa madi go tswa kwa makalaneng a akaretsa la Global Environment Facility le la Forest Conservation Botswana. 

E ne e rile go le pele a amogela baeng, Kgosi Ngocha Habangana wa motse wa Mapoka a iteela legofi maiteko a a dirilweng a go baakanya lefatshe le le gotlhegileng kwa Mapoka le Nlapkhwane.

A re fa maiteko a go nna jaana a ka tswelela, e tlare isago tikologo e bo e le mo maemong a mantle thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MAPOKA

Event : Letsatsi la go lwantsha bosekaka

Date : 22 Jun 2015