Breaking News

Paakanyetso boipuso jwa 2016 e tsweletse

21 Jun 2015

Mme Charity Kgotlafela yo o okametseng lekalana la Bot 50, le le itebagantseng le go ipaakanyetsa ipelelo boipuso ya dingwaga tse di masome a matlhano (50) ka ngwaga wa 2016, o tlhalositse fa dithulaganyo di tsweletse go baakanyetsa ipelelo letsatsi leo.

Mme Kgotlafela o roletse dikgosi ka fa dipaakanyo di tsamayang ka teng, kwa phuthegong ya bobedi mo go tse tharo ya Ntlo ya Dikgosi e e neng e tshwaretswe mo Gaborone.

O tlhalositse fa mo bogompienong ba tsweletse le dipaakanyo tsa boipuso jwa monongwaga, tse ka tsone di tlhagolelang tsela ya gore boipuso jwa ngwaga wa 2016 e nne phitlhelela. 

A re tsholofelo ke gore boipuso jwa monongwaga le fa bo ka se tshwane le jwa ngwaga o o tlang, go supagale ka diphetogo dingwe gore ke ipaakanyetso moletlo mogolo wa ngwaga wa 2016.

O tsweletse ka go tlhalosa gore ditiragalo tse di neng di dirwa ka ipelelo boipuso ya dingwaga tse di fetileng, di tlaa tswelela ka go dirwa mme go tlalediwe ka diphetogo tse disha mo godimo.

Mme Kgotlafela a re go tserwe tshwetso ya gore ditiragalo tsa letsatsi leo di diragale lefatshe lotlhe ka bophara e seng gore go itebagangwe le mafelo a le mangwe fela.

“Go seka ga nna le meletlo e go tweng ke ya ditoropo le e go tweng ke ya kwa magaeng, re batla gore meletlo yotlhe e e dirwang e dirwe lefatshe ka bophara,” a tlhalosa.

O ne a tlholosa fa dingwe tsa diphetogo tse di tlaa dirwang di tlaa akaretsa gore ditumelo tsotlhe mo lefatsheng leno e nne karolo mo ipelelong letsatsi leo, e le nngwe tsela ya go supa letshego la gore setshaba se a kgathala ka batho ba bangwe.

A re sengwe gape se se tlaa tswakanyang boipuso, e le nngwe ya diphetogo e tlaa nna Electronic Music Festival o o itebagantseng le bana, e le tsela ya go leka go oka banana go nna le karolo mo go ipeleleng boipuso le go itse sekao sa jone.

Mme Kgotlafela a re ba dirile thulaganyo ya gore go nne le molelo wa kgolagano o o tlaa dikologang lefatshe leno ka bophara. A re molelo o tlaa emelela mo Gaborone, kgwedi ya Lwetse e tlhola gangwe mme o dikologe lefatshe lotlhe sebaka sa ngwaga.

O tlhalositse fa sekao sa molelo oo e le lesedi le le tsereng tshaba ya Botswana kwa e tswang teng, mme le ntse le gogela setshaba ko se tshwanetseng go ya teng. 

O kaile fa lebone leo le tshubilwe lantlha ka ngwaga wa 2004 mme le mo bogompienong ga molelo o, o ise o time, a supa ka mananeo otlhe a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a motho.

Mme Kgotlafela o kopile dikgosi gore ba dire dithulaganyo tse di tlaa natetshang letsatsi ka nako ya fa ba amogela molelo wa kgolagano mo dikgaolong tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Karabo Ntane

Location : GABORONE

Event : Bokopano jwa Ntlo ya Dikgosi

Date : 21 Jun 2015