Fefogelang kwadiso matsalo - tona
21 Jun 2015
Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a re batsadi ba ba sa kwadiseng matsalo a bana fa ba sena go tsholwa ba direla bana bosetlhogo ka go felela go sa itsege mo lefatsheng leno gore a bana bao ba teng mo botshelong.
A re ngwana o tshwanelwa ke go kwadisetswa matsalo mo malatsing a le masome a marataro a sena go tsholwa mme fa motsadi a sa dire jalo o a bo a tlola molao.
Rre Batshu o ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Sefhare ka Labone. O ne a re go mosola thata go kwadisa matsalo ka gore pele fa puso e dira ditogamaano tsa ditlhabololo go lebiwa dipalo tsa batho.
A re fa batsadi ba sa dire gore ba kwadise matsalo a bana ditlamelo dingwe tse di fiwang Batswana di tshwana le dikole, dikokelo, dipilisi kana mekento mengwe ya bana di tlaa tlhaela ka go tlaa bo go dirwa go lebilwe dipalo tse e seng tsa boammaaruri e le tsa ba ba ikwadisitseng.
Rre Batshu a re kgang e nngwe e e tshwanetseng e dirwe ke ya go kwadisa dintsho ka puso e tshwanetse go itse gore dintsho tse di diragalang di dirwa ke eng kgotsa di diragala go rileng.
A re seo se ka thusa puso go tsaya ditshwetso dingwe.
A re fa motho a sena go tlhokafala leso la gagwe le tshwanetse le kwadisiwe malatsi a le masome a mararo a ise a wele.
Rre Batshu o tsweletse a re fa ngwana a tsena mo dingwageng tse di lesome le borataro motsadi o tshwanetse a tsee boikarabelo jwa go mo direla Omang.
A re Omang ke yone konokono ka o batlega gongwe le gongwe kwa go tsewang dithuso teng mo lefatsheng leno.
Rre Batshu yo ebileng gape e le mopalamente wa Nkange o tsweletse a tlhalosetsa banni gore fa ngwana a tsholwa mo lefatsheng leno mme motsadi yo mongwe wa gagwe e le motswakwa o nna le boagedi jo bobedi.
A re ngwana yoo o tsaya boagedi jwa motsadi wa gagwe wa Motswana le boagedi jwa motsadi wa motswakwa mme fa a goroga kwa dingwageng tse 21 o tlaa bo a na le tshwanelo ya go itlhophela gore o tsaya boagedi bofe.
O tsweletse a re fa ngwana yoo a sa itlhotlhore boagedi jo bongwe ka nako e e tshwanetseng go felela go tsewa gore o tsere boagedi jwa motsadi wa gagwe wa motswakwa mme go bo go tla go nna dingalo gore a dire dilo dingwe di tshwana le dipasa.
A re kgang eo e tshwentse fela thata mo lefatsheng leno ka Batswana ba sena kitso e.
Rre Batshu o ne a tlhalosa fa pasa e ntsha e e neng ya dirwa e le ya boleng jo bo kwa godimo ntswa Batswana bangwe ba re e turu. A re pasa eo ga e turu ka puso e duela madi a mantsi go e dira mme Batswana ba ba e tsayang ba duela a mannye.
A re e kgologolo e ne e tsenya dingalo ka go ne go le motlhofo gore motho a ka e utswa a bo a e itirisetsa.
A re fa pasa eo e ka tswa mong wa yone ka botlhaswa ga go motlhofo gore a e dire ka a tlaa tshwanelwa ke gore a nne ngwaga a ise a e direlwe.
Rre Batshu a re o tshwentswe ke gore Batswana bangwe ba boitseme ka ba nna fela go bo go felela ditiro dingwe di tshwana le tsa go disa leruo di dirwa ke batswakwa.
O ne a kopa Batswana go emisa mokgwa wa go tlhopha ditiro.
O ne a tswelela a re fa motswakwa a filwe teseletso ya go gweba mo lefatsheng leno o a sekasekiwa mo dingwageng tse a tlaa bong a le mo lefatsheng leno gore a ga a na botlhabetsi mme fa a ka lemogwa a na le botlhabetsi molao o letla gore a busediwe kwa lefatsheng la gagabo ntleng le go ya kwa makgotleng a ditsheko ka Botswana e le lefatshe la kagiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyana
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jun 2015






