Breaking News

Dipaakanyo di tsweletse

21 Jun 2015

Komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa metse e  e le lesome le bongwe ya kgaolo ya Bobonong e tsweletse ka go baakanyetsa moletlo oo.

Maloko a supile fa ba bone sebui sa tlotla mme ba tsweletse ka go batla ba ba tlaa natifisang letsatsi leo la ditshupo tse di akaretsang dikhwaere, mmino wa setso, borankana le tse dingwe.

Bangwe ba komiti ya metse e e kwa ntle ga Bobonong e e lesome e e akaretsang Mothabaneng, Semolale le e mengwe ba ntshitse matshwanyego a bone mabapi le go sa tseneng bokopano jwa paakanyetso ditshupo e leng dikgosi, dikgosana le baduladitilo tsa VDC tsotlhe tsa Bobonong mme ba le teng kwa dikgotleng tsa bone.

Kgosi Mmadema wa Semolale le kgosi ya Motlhabaneng ba ne ba supa kgwetlho ya go sa tsena paakanyetso eo e le dikgosi, dikgosana le VDC tsa Bobonong, ba re potso ke gore ba amogelwa ke mang ba le mo kgotleng ya Bobonong beng ba yone ba seyo.

Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Rre Monthusi Dikgang o ba kopile go tswelela ka ipaakanyetso tshupo ka ba siilwe ke nako, mme o tlaa tswelela a bua le dikgosi go supa fa go le botlhokwa go nna teng mo paakanyetsong ditshupo.

Rre Dikgang o ne a ikgolaganya le Kgosi Malema ka dikgosi tse di sa tseneng paakanyetso eo, a re Kgosi Malema o supa fa a tshwerwe ke ditiro tse dingwe, mme o tlaa leka go ba bitsa go bua le bone. ENDS

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya go ipaakanyetsa ditshupo

Date : 21 Jun 2015