Ngwao e nonotsha itsholelo
18 Jun 2015
Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane o tlhalositse fa ditso tsa ngwao di nonotsha itsholelo le go tokafatsa matshelo a Batswana.
Kgosi o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao, o o neng o tshwaretswe kwa sekoleng se se botlana sa Supang ka Laboraro (Seetebosigo 17) kwa Letlhakane.
Rre Kegapetswe a re lefatshe la Botswana le tlwaelesegile ka ngwao ya Setswana e e lemogwang ka mmino, kapari, meletlo, dijo ga mmogo le meletlo e e farologanyeng, ka jalo e tshwanelwa ke go somarelwa, go godisiwa,go tlhatlosiwa le go rekisiwa kwa mafatsheng a sele go tlhabolola matshelo a batho.
A re moletlo oo o tlaa fa banni ba kgaolo ya Boteti gammogo le baithuti ba Supang monyetla wa go ipapatsa ka go supa tiro ya diatla le bokgeleke jwa ngwao mo dilong di tswana le go bina, go boka, go bua le go betla.
O supile fa lefatshe la Botswana le ikaegile thata ka dithoto tse di tswang kwa ntle, selo se a reng ke kgwetlho ka lefatshe leno le isa madi a mantsi kwa mafatsheng a sele.
Rre Kegapetswe o ne a tlhalosa fa seo se ka dibelwa fela fa Batswana ba ka batlisisa dikabelwa tsa bone mo dikarolong tsotlhe tsa ngwao go imolola mo lehumeng.
O ne a lebogela borara jwa sekole sa Supang go bo ba lemogile bomosola le botlhokwa jwa go somarela ngwao ya Setswana.
Mogokgo wa Supang, Mme Mercy Bayani o ne tlhalosa fa go ipelela ngwao e le selo se ba sa bolong go eletsa go se diragatsa mme ba ne ba retelelwa ke go dira jalo ka ntlha ya mabaka mangwe, a re ngwaga ono ba kgonne go ipelela letsatsi la ngwao ka ntlha ya tirisanyommogo ya bone le barutabana, baithuti gammogo le batsadi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oarabile Mawele
Location : Letlhakane
Event : Ipelelo ngwao
Date : 18 Jun 2015






