Boitseme bo kgoreletsa ditiro tsa puso
19 Jun 2015
Tona wa ofisi ya merero ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Eric Molale a re go a gakgamatsa gore Batswana ba bo ba sa ntse ba lela ka tlhaelo ya ditlamelo ntswa e rile ka Mopitlo fa madi a busiwa maphata a busa P13 million.
Tona o buile jalo kwa Sehithwa fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Laboraro, a re go utlwisa botlhoko e bile go a itshupa gore dilo tse dingwe ga di padisiwe ke puso mme di padisiwa ke bodirelapuso, a tlatsa ka go re fa e ka bo e le nnete gore dilo dingwe di padile ka ntata ya madi go kabo go se na madi a a buileng.
Rre Molale a re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore jaanong fa ngwaga o mosha o ba kopa madi a mangwe jaanong ba a go neelwa a mannye ka tumelo ya gore bone ke ba ba nnang ba busa madi fela. O ne a kopa bodirelapuso go tlhoafalela tiro ya bone le go itse gore ba bereka ka setshaba.
O bile a re dilo tse dingwe tse di tshwereng mananeo a tshwana le a nyeletso lehuma, a banana le tse dingwe ga di a tshwanela go ka emisa motho go bona dithuso tsa mohuta oo.
Tona o bile a re kgang ya madi a dituelo tsa bagodi a go tweng a salela kwa morago e potlakelwe ka go le bega e le maswe thata mo kgaolong eno, a kopa ofisi ya ga molaodi go potlakela kgang eo.
A re dikgang di tshwana le ya tlhako le melemo le tshenyo ya diphologolo o tlaa ya go buisana le matona a a lebanyeng gore ba tle go buisanya le bangongoregi go bona gore ba ka di fedisa jang.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Boitiro Dithapo wa Sehithwa o ne a tlhalosa fa mo kgotleng ya gagwe tiro e eme fela ka letlhoko la koloi, a re le gone go phutha dikoloto go a pala.
O boleletse tona fa ba sa kgone go rekisa loruo kwa BMC le dikole ga di reke loruo lwa bone.
O ne gape a bolelela Tona Molale gore ga ba bolo go kopa gore motse wa bone o dirwe kgaolo potlana mme a re o ipotsa gore go palang ka ba na le setsha se se nang le metsi le motlakase.
O ne a ngongorega ka lephata la metsi a re ba ba gogisa bokete ka ba duela metsi kwa Maun mme ba duela dipagamo, a re seo se ketefalela batho ba le bantsi mo kgaolong eo.
Modulsetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Maletelo Molathiwa, ene o ne a re ba lebogela dithuso tsa nyeletso lehuma le fa a kaile fa di le bonya go bonwa. A re go sekaseka go tsaya nako e telele mme ba bangwe ba bo ba fele pelo ba kope dithuso gape kwa go ba matlhoko a loruo.
O bile a re le yone palo e e neelwang dithuso mo motseng oo e kwa tlase thata, a tlhalosa fa go tswalwa ga moepo wa Boseto go dirile gore banana ba ba kailang mo mebileng ba nne bantsi Sehithwa.
O ne a kopa gore leriwe ngaka mo motseng oo le gore badirelapuso ba duelwe dituelo tsa go berekela kgakala le ditlamelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Sehithwa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jun 2015






