Tona o akgola bomme
19 Jun 2015
Tona Makgato a re dikgwebo tse di potlana di botlhokwa thata mo go thuseng go tokafatsa itsholelo ya lefatshe ka gore bagwebi ba ga ba ineele motlhofo mo dikgwetlhong.
“Ke na le tumelo e tona ya gore dikgwebo tse dipotlana tse, ke tsone tse di ka re tshwarelang itsholelo go gaisa tse ditona.
Tse ditona kana re leba poelo, fa go le maswe re a lo kgaola lotlhe mo tirong. Tse di nnyennyane tse, di bereka go tsutlaganya go le thata di bo di inonotsha gore molelo o seka wa tima kwa lwapeng le fa go ka nna jang. Jaanong tse ditona di tima molelo fa go le maswe di bo di tsamaya di ya go o gotsa kwa mafatsheng a mangwe.”
O akgotse banka ya Standard Chartered gore le ntswa dikgwebo tse dipotlana di na le dikgwetlho tse di farologanyeng ka go farologana ga tsone, yone e ne ya bona botlhokwa jwa go tsaya karolo mo go simolodiseng lenaneo la go thusa bagwebi ba babotlana go boloka dipoelo tsa tsone.
Le fa go ntse jalo, Mme Makgato a re le puso ya Botswana e a itse gore dikgwebo tse di potlana di na le dikgwetlho tse dintsi. Ka jalo o kgothaditse bagwebi ba babotlana gore ba nne pelo telele, lorato le tlhoafalo mo go tsamaiseng dikgwebo.
Ka go dira jalo, a re ba tlaa nna le tumelo e ntsi mo dikgwebong tsa bone, mme ba tlhoafalele go di godisa gore di kgone di ate di bo di aname le lefatshe ka bophara.
A re ba seka ba bona dikgwebo tsa bone e le dikgwebo tse dipotlana tsa metse ya bone fela kgotsa tsa lefatshe la Botswana fela, mme ba dumele gore di ka golela kwa mafatsheng a mangwe.
Mo godimo ga moo, tona o kgothaditse bomme ba dikgwebo tse dipotlana go tswakanya le go tlhabolola dikgwebo tsa bone.
Go dira jalo a re go botlhokwa ka gore go dira gore kgwebo e itshetlele, e itlhaole mo go tse dingwe gore e seka ya felela e wa e babalelwa ke phadisanyo mo mmarakeng.
Go supa tlhoafalo le go tsaya tsiya dikgwebo tse dipotlana tsa bomme, Mme Makgato a re mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng puso e dirisitse madi a a fetang didikadike tse di masome a mararo le bone mo go tsone.
Kwa CEDA, a re mo mading otlhe a a adimilweng, masome a mabedi le bongwe mo lekgolong tsa didikadike tse di makgolo marataro le masome a supa a dipula ke a dikgwebo tsa bomme.
Se, a re ke koketsego ya lesome le motso mo lekgolong fa go tshwantshanngwa le ngwaga wa 2014.
Mo ngwageng wa 2013/14, a re bomme ba le lekgolo, masome a mararo le borobabongwe, ba ne ba rutuntshiwa mo go tsa tsamaiso ya kgwebo go dirisiwa dikadike tse pedi tsa dipula.
Mo godimo ga seo, tona a re puso e tsweletse gape ka go dira maiteko a gore dikgwebo tsa bomme tse dipotlana di kgone go phunyeletsa mo mmarakeng, mo Botswana le kwa mafatsheng a mangwe, ka go di thusa go tsenelela ditshupo tsa dikgwebo ka go farologana.
Puso ya Botswana, a re e dira se ka e rotloetsa gore bagwebi ba babotlana ba bomme le bone ba godise dikgwebo tsa bone gore di kgone di phadisanye mo mebarakeng e e mo Botswana, mo mafatsheng a a mabapi le a a kgakala kwa Botswana a nang le ditumalano tsa papadi teng.
Bokopano jo, jo bo neng bo rulagantswe ke lekgotla la Thusang Basadi, bo ne bo tsenwe ke bomme ba digkwebo tse dipotlana go tswa mo Botswana ka bophara.
Maikaelelo a bokopano jo, e ne e le go amogana megopolo le go supa dilwana tsa diatla tse ba di itirelang ba bo ba di rekisa.
Thusang Basadi ke lekgotla la bomme ba dikgwebo tse dipotlana le le tlhamilweng ka 1989 go lwantsha lehuma le go thusa bomme ba dikgwebo tse dipotlana ka madi gore ba kgone ba tsamaise dikgwebo tsa bone le go thusa ba malwapa a bone.
Lekgotla le, le thusa bomme gape ka tsa poloko ya dipoelo tsa kgwebo le go ba rutuntsha mo go tsa tsamaiso ya kgwebo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Gaborone
Event : Bokopano
Date : 19 Jun 2015






