Breaking News

Thuto boswa ga e sekwe - Autlwetse

18 Jun 2015

Mopalametse wa Serowe bokone Rre Kgotla Autlwetse o kopile batsadi go isa bana kwa dikolong ka puso e simolodisitse dithuto tsa bone mo dikolong tse dipotlana.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mabeleapodi bosheng, o tlhalositse fa tshimolodiso ya dithuto tse e le ka ntlha ya gore e rile mo tekeletsong ga lemogwa fa bana ba dira sentle thata fa ba simolotse ka dithuto tse, ebile fa ngwana a ya kwa lokwalong la ntlha o a bo a setse a kgona go tlhaloganya tse a di rutwang.

Rre Autlwetse, yo a tlhalositseng fa puso e beile botshelo jwa lefatshe leno mo di-tswa mmung fela,o supile fa gole bothokwa go ruta Batswana, ka di-tswa mmung di ka nna tsa fela.

A re fa bana ba rutwa tiro ya diatla kwa tshimologong ya dithuto tsa bone go tlaa nna molemo ka fa ba fatlhoga ba tlaa itlhophela sekole se ba batlang go tswelela ka sone.

A re ditiro tse tsotlhe di batla madi go tsweledisiwa seo ga se dirwe letsatsi le le lengwe fela.

E rile ba akgela, banni bangwe ba Mabeleapodi ba kopa gore a Batswana ba batlelwe mmaraka fa ba sena go fiwa mananeo le one mananeo a salwe morago go bona gore a dirisiwa sentle.

Banana bangwe ba kopile puso go ba direla lefelo la itloso-bodutu ka seo se ka thusa go ba ntsha mo ditirong tsa botlhoka tsebe, ka go tlaa bo go na le mabala a metshameko a a farologanyeng. Mongwe monana o rile kgang ya go boelela thuto e siame mme e borai mo baithuting ba ba botlana ka bomogoloabone ba tsile go ba kgokgontsha. Ba ne ba kopa gore kgaolo ya Paje/Mabeleapodi e kgaoganngwe.

Ba thuto-ga-e-golelwe ba re ba tlhoka ditlamelo, bangwe ba kopile gore ba direla puso ba rotloediwe go reka mo go bone ba ba dirileng ditiro tsa diatla. Ba kopile mapodisi a nakwana mo motseng wa bone.

Mme Kgoreletso Bikitshanawa boipelego o tlhaloseditse banana gore fa ba kile ba fiwa madi ba le setlhopha ba kgona go fiwa le ba ikemetse. Ba metsi ba kopile maitshwarelo gotlhoka go itsise morafe fa go na le thaelo ya metse, morafe o ne o ngongoregile gore fa metsi a seyo ga ba itsisiwe mme fa go batliwa dituelo ba a itsisiwe.

Ba tlhalositse fa ba sielwa metsi ke didiba tsa ba motlakase ka metsi a tlhaela e le ka ditanka tse di teng di le dinnye mme ba tla okelediwa tanka. Ba kopile morafe go tlhokomela diphaephe tse ba gang metsi mo go tsone ka di sa somarelwe mme di senyega kgapetsakgaptsa.

Mopalamente o ne a tsibogela dikgang dingwe tsa morafe a re gore motse o nne le mokhanselara ke fa morafe o le 5000 mme metse eo ga e ise e lekane. O kopile banana go tsaya thuto ka tlhwaafalo ba seka ba akanya gore fa ba boeleladithuto le ba ba botana ba tla tshegiwa a re yo o botlhale ga a a se tshege yo mongwe.

O ba kopile go re fa ba dira dikgwebo e bo ele tse di ka rekisiwang le kwa metseng e mengwe. A re mae le nama ya koko di tlhoka go dirwa le mashi ka a ka ntsha kgwebo e e mofuta montsi.

Mokhanselara wa Paje/Mabeleapodi mme Atsenye Kabelo o kgotlhaditse banana go supa kgatlhego mo go tse ba di itseng a re go lemosega fa ditlhong e le one mmaba mo bananeng mme ba tshwanetse go tsaya mananeo a ditoro tsa bone a kopa gore ba ipapatse.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Kelediyakgotla

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jun 2015