Breaking News

Bogodu jwa diphologolo bo ntse bo a tshwenya

17 Jun 2015

Setlhopha sa banna se se kgatlhanong le bogodu jwa diphologolo mo kgaolong ya Tuli ya Zanzibar ba boleletse tona wa tshireletso, molao le thokgamo, Rre Shaw Kgathi mo phuthegong ya babereki e e neng e tshwerwe kwa Oasis Lodge bosheng gore tiro ya bone ga e tswe tema. 

Mongwe wa babereki Rre Matapole a re matshelo a bone a mo diphatseng ka gonne ba lwantshana le magodu a diphologolo a a rutintshitsweng go tswa kwa mafatsheng a a farologaneng fa bone ba itsamaela fela ba sa tshola sepe sa itshireletso. 

A re ba kile ba kopa thuso mo go ba lephata la Diphologolo Makgabisanaga ba ba ileng ba ba tsaya menwana ngogola mme le mo sebakeng sa gompieno ga ba ise ba ba busetse phetolo epe.

A re le bone ba ba utswang diphologolo matshelo a bone a mo kotsing ka gonne bangwe ba bone ga ba tlhaloganye mokgwa wa diphologolo tse di borai jaaka tshukudu, ka jalo borai jwa go utswa diphologolo bo tshwanetse jwa tlhagisiwa mo go botlhe go simolola ka bana ba ba mo dikolong tse dipotlana. 

A re thuto ee kgatlhanong le bogodu jwa diphologolo e tshwenetse ya dirwa kgapetsa-kgapetsa ka fa go kgonagalang gore e tsene thata mo ditlhaloganyong tsa batho. 

Tona o ne a ba solofetsa gore o tla ikgolaganya le ba lephata la Diphologolo makgabisa naga gore ba ba neele thuso e e tshwanetseng.

Olopile Badubi, mmereki wa Limpopo Lipadi a re bone batho ba ba utswang diphologolo ba kgaola terata ya motlakase, ba utswa didirisiwa tsa motlakase wa letsatsi mo go ba direlang ditatlhegelo tse dintsi ka gore ba nna ba di busetsa nako le nako.

Ba re magodu a mangwe a diphologolo ba felela ba gatelela diphologolo tse kgaolo ya bone e di ikantseng ba di isa kwa Aferika-Borwa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Neo Bogosi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya babereki

Date : 17 Jun 2015