Breaking News

Molema-thite ga se mhudi

17 Jun 2015

Mananeo a nyeletso lehuma a thusa Batswana go itlhotlhora lehuma la nta ya tlhogo. Tshekegelo le tiriso ya mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le a thuo ya dihutshane, dikoko le go dira tshingwana ya merogo go tshegeditse Batswana go itsa go wela moo isong.

Tiro kana mananeo a nyeletso lehuma a go itshetsa ka tlhokomelo ya leruo a tsweletse ka go tsisa pharologanyo mo matshelong a Batswana ebile a dira sentle. Monana gape e le monni wa Tutume mo kgotleng ya Selolwane, Mme Kgomotso Bawani yo dingwaga tse di masome a mabedi le boraro, o akgotse thata mogopolo yo o neng wa ntshiwa ke tautona Rre Ian Khama wa go thusa baba dikobo dikhutswane ka mananeo a a farologaneng.

Mme Bawani yo sa kgonang go nna lesego ka tsa thuto o boleletse BOPA ka dikgwetlho tse a kopanang le tsone ka ntlheng ya go tlhoka tiro le go tlhoka lesego mo go tsa thutego. Mme Bawani yo saleng ka a fetsa dithuto tsa gagwe tsa mophato wa boraro ka ngwaga wa 2009, a re o ntse a tshela botshelo jwa yo o dithetsenyana.

A re e re ntswa gone go sa lomagane mo botshelong, ga a ka a nna maoto a tshupa one a tswa ka maano a go itshetsa. Mme Bawani a re o ne a itlama go simolala lenaneo la nyeletso lehuma, ka go ikopela dikoko tsa mananeo a nyeletso lehuma. A re koko jaaka seruiwa sa mo gae se motlhofo go bona tlhokomelesego.

Mme Bawani a re lemororo a simolotse ka palo potlana ya dikoko isago ya gagwe e tshotse go le gontsi. O tlhalositse fa se e se tsela ya masi le mamepe a dinotshi. Mme yo dingwaga tse di masome mabedi le boraro o ne a kaya gore o lebagane le dikgwetlho di tshwana le bogodu ja leruo. A re borukkutlhe jwa go utswa leruo bo mo amile le ene, e re moragonyana a santse a akabetse ga wa seru sa bolwetsi jwa korobela jwa dikoko. Mme Bawani o boletse fa ane a seka a nna le boitlhobogo, ka tsela tsotlhe dinale manokonoko a tsone.

O ne a bua a sa kgale mathe ka tiro e ntle e neng a e direlwa ke ba lephata la botsogo jwa diphologolo, ka go mothusa ka melemo ya bolwetsi le go mo okeletsa dikoko se ele go mo phimola dikeledi mo ditiragalong tse a iphitlhetseng a le mo go tsone.

A re dikgorelatsi di a bo di sa reye gore motho a nyeme moko a tlogele se se mo tshetsang. O ne gape a kopa gore Batswana jaaka ene ba latlhe mokgwa wa go solofela phetelela ga ba simolola dikgwebo tsa bone. Mme e re letlepu le baneng ba le solofetse le sa diragale ba bo ba rwala matsogo mo tlhogong. Mme Bawani a re batho ba rata tiro tse di bogadi bogaufi, ka maduo a ponyo ya leitlho ntswa ba sa ikgata monwana wa kgonope mo tirong.

O boleletse BOPA fa a bereka ka bobelo kgale, a itita ka thupana go itlhotlhora lehuma. Mme Bawani o tlaleleditse ka gore ga se morui wa dikoko fela o bone go tshwanela gore a itirele tshingwana ya merogo. A re o solofetse gole gontsi mo thuong ya gagwe le ga e ntse le gone e simololang ngwaga ono o simolola.

O ne a rotloetsa banana ka e ne gore ba lese go potlakela go bona maduo, ka lepotlapotla le ja podi, modikologi o ja pholo e tona.

A re go aga setshaba se se tsweletse se nale maduo a mantle Batswana ba tshwanetse go dirisa ditlamelo tse di leng teng mo lefatsheng la bone. O ne a gatelela gape gore morafe wa Batswana o itshepe, o nne le tumelo mo bokgonning le bodiragatsi jwa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 17 Jun 2015