Breaking News

Makgatho o rotloetsa banni

18 Jun 2015

Tona Wa Botsogo Mme Dorcas Makgato o rotloeditse banni ba motse wa Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti go rwala boikarabelo jwa go hema malwetse ka go farologana.

Tona Makgato o ntshitse kgotlhatso e fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Letlhakane bosheng a tlhalosa a fa tsile go ba lekola le go ba lekodisa ka lenanaeo la bone la diphetogo ,le a reng ka lone ba ikaelela go fetola ka fa bantseng ba dira tiro ya bone ka teng.

O ne a ba kgotlhatsa gore mongwe le mongwe wa bone a tseya boikarabelo ja botsogo jwa gagwe,selo se a reng seka thusa go hema go tsenwa ke malwetsi.

Mme Makgato o ne a ba tlhalosetsa fa puso e dirisa madi a mantsi mo malwetsing a sa tshelanweng jaaka Kankere ,Madi a matona le Sukiri,a a bakiwang ke ka fa batho ba tshelang ka teng le ka fa ba jang ka teng .

A re bogologolo batho ba ne ba itshidila mmele ka go bereka , go thugiwa,go iwa nokeng le kgonnye go lo mo go neng go thusa go sidila mmele.

O ne gape a ba tlhalosetsa gore ba fokoditse dintsho ja masea gona 25 -1000 a tlatsa ka gore keletso ke gore e ne 0,a supa fa ba kgone se ka go kenta bana a re ba okeditse seelo sa mekento ya bana a tlatsa ka gore ba ne ba kenta bana ba ba dingwaga tse di lesome le bobedi ka mokento o o thibela kankere ya molomo wa popelo.o bile a ba tlhalosetsa ka mananeo a mangwe a botsogo a bo a ba rotloetsa go a dirisa.

Tona o boletse fa ba tlhaelelo ke babereki selo se a reng se gakadiwa ke gore fa gonwe bangwe ba bona ditiro kwa mafatsheng a mangwe .O supa fa gape puso ikaelela go godisa dikokelano dingwe le go di baakanya.

O tlhalositse fa a dirile thulaganyo gore dikokelo le dikokelwana di kgone go itirela dipaakanyo tse di potlana.

E rile a itebaganya le tlhaelo ya dipilisi ,a tlhalosa fa e bakiwa ke gore dipilisi dingwe ga di a anama a re ba ya go fetola dipilisi tse di sa anamang .

O bile a re ba dirile gore balwetse ba di rekelwe dipilisi kwa marekisetsong a dipilisi fa di seyo mo bookelong .Tona a re o lemogile gore fa go sa itebagangwe le go hema malwetse , ba ya go tlhamela go gongwe fa dingwaga di ntse di tsweletse.

O bile a tlhalosetsa fa a bone seemo sa mosuke wa sepatela sa bone sa Letlhakane a tlatsa ka gore o tla itebaganya le go dira sengwe tsibogela seemo .

Banni ba ne ba tlhalosetsa Tona ka fa ba sa jesiwe diwelang ke mosuke wa sepatela sa bone ,ba supa fa motse wa bone o setse o godile e bile dipalo tsa batho ba ba dirisang sepatela sa Letlhakane di setse di se hekeetsa ka jaana se thusa kgaolong ya Boteti Botlhaba ka kakaretso.

Mongwe wa banni Rre Meshack Tlhanke o ne a supa fa ba tlhaelelwa ke dingaka ,a bo a kopa Tona gore a kopela dingaka boroko kwa komponeng ya Debswana kwa Orapa ka jaana letlhoko la boroko jwa babereki ba sepatela le lone e le kgwetlho.obile a kaya fa seemo sepatela sa Letlhakane e le sone se ba kgoreletsang go tsaya ditlamelo tsa botsogo sentle.

Rre Mmatlakgomo e ne o ne kopa gore go diriwe thulaganyo ya go tsenya dirojaroja mo dikoloing tse di rwalang balwetse.O ne gape a re go dirwe thulaganyo ya gore balwetse ba tseye dipilisi kwa dingakeng tse diikemetseng .

Tona Makgato o ne a ba kopa gore ba seka ba leba kgang ya sepatela ka semofare ,a supa gore e ne o e leba ka dipalo le letlhoko ,a tlhalosetsa fa puso e na le maikaelelo a go ba agela sepatela jaanong mathata e le tlhaelo ya madi a re o tla bua le ba meepo ka seemo se.

A ba tlhalosetsa gore o ya go dira sengwe ka kgang ya sepatela .o bile a re o tla sala morago kgang ya dirojroja tlhaelo ya babereki,letlhoko la boroko jwa baderek i le tlhaelo ya dikoloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jun 2015